Genese 19

19
KHAOLO 19.
1MI ge tla baengeli ba le tu go Sodoma ka matsiboea; mi Lote a ba a rutse mo khoroñ ea Sodoma: mi eare Lote a ba bona a ema go ba khatlantsa; mi a ikoba ka sehatlogo ha hatsi.
2Mi a re, bonañ yana, barena ba me, a ko lo menogele mo tluñ ea motlañka oa lona, mi lo lale, mi lo tlacue nao tsa lona, mi lo ka phakela, lo ea tseleñ ea lona. Mi ba re, Nya; mi, re tla lala mo mebileñ.
3Mi a ba emelela segolu; mi ba menogela go ena, ba tsena mo tluñ ea gague; mi a ba rihela moletlo, a besa señkhue se se sa berisioañ, mi ba ya.
4¶ Mi eare ba e si ba ee go robala, banona ba motse, eboñ banona ba Sodoma, banye le bagolu, bathu botle ba khokhoco cotle, ba rikanyeletsa eintlu e.
5Mi ba bitsa Lote, ba mo raea, Banona ba ba tlileñ go uena sigoñ yonu ba kae? ba re entsetse, gore re ba itse.
6Mi Lote a coela go bona ha moyakoñ, mi a cuala moyako morago ga gague.
7Mi a re, Bana ba ga rra, kia lo rapela, lo si shulatse yalo.
8Bonañ yana, ki na le bomoroariake ba tu ba ba esiñ ba itse banona; ’mañ, ki ba lo entsetse, mi lo ba rihe kaha lo ratañ: gosi, lo si rihe banona ba sepe; ki gona ba tletseñ mouo mo murutiñ oa tlomesho ea me.
9Mi ba re, Emela morago. Le gona ba re, Eo, o la a tlile go tlolatlola @ u, mi o rata go na mosekisi: mi yana re tla gu rihela boshula bogolu go bona. Mi ba pitlelela monona, eboñ Lote thata, ba atamela go thuba secualo.
10Mi banona ba entsetsa atla tsa bona eintle, ba gogela Lote go bona mo tluñ, mi ba cuala.
11Mi ba daea banona ba ba ha moyakoñ oa eintlu ka likala maitlo, go simolola ka eo motlana go ea go eo mogolu: ea tsamaea ba itapisetsa lehela go bona moyako.
12¶ Mi banona ba raea Lote, A u sa na le bañue monu? mogoago khotsa bomoroau, khotsa bomoroariu, botle ba gago ba ba mo motseñ o, ba entse heloñ ha:
13Gone re ea go senya helo ha, gone pico ea bona e rihegile kholu ha pele ga Yehova; mi Yehova o re rometse go go senya.
14Mi Lote a coela kua eintle, mi a bua le bague ba gague, ba ba le ba tla nyala bomoroarie, mi a re, Nanogañ, coañ heloñ ha, gone Yehova o tla senya motse o. Mi a na yaka moñue eo o shotlañ go bague ba gague.
15¶ Mi eare phepahalo e tlatloga, baengeli ba itlaganerisa Lote ba re, Nanoga, tsaea mosari oa gago, le bomoroariu ba tu ba ba monu; gore u si senyerioe le tsiamololo ea motse o.
16Mi eare ka a riega banona ba mo cuara ka seatla, le mogatse, le bomoroarie ba tu; gone Yehova a le boutluelo botluku go ena; mi ba mo entsetsa eintle, mi ba maea kua eintle ga motse.
17¶ Mi ga rihala ka ba sina ba entsetsa eintle, a re, Tsaba ka eintla ea botselo yoa gago; u si lebe kua morago, le gona u si tlole mo motlabeñ otle; tsabela kua thabeñ, gore u si señoe.
18Mi Lote a ba raea, Au, Morena, a go si ne yalo;
19Bona yana, motlañka oa gago o bonye tsalano maitloñ a gago, mi u gorisitse bopelunomi yoa gago yo u bo ’ntihetseñ, ka u bulukile botselo yoa me; mi ga ’nkake ka tsabela lithabeñ, gore e si re khotsa boshula boñue yoa tla go ’na, mi ka shua:
20Bona yana, motse o, o gauhe go tsabela go ona, mi o motlana: Au, ’ma ki tsabele gona, (a ga o motlana?) mi moëa oa me o tla tsela.
21Mi o mo raea, Bona, ki gu cutse le kaga seo se, mi ga ’nkitla ki senya motse o, u buileñ ga ona.
22Akoha, tsabela go ona; gone ga ’nkake ka riha sepe go tlo go tsamaee u hitle go ona. Ki gona leina ya motse o le birioañ Tsoara.
23Letsatsi ya tlatlogela gorimo ga lehatsi ka Lote a tsena mo Tsoara.
24¶ Ereha gona Yehova o holosañ sulefura le molelo mo go Sodoma le Gomora go coa go Yehova mo legorimoñ;
25Mi a ribegetsa metse e, le motlaba otle, le banni botle ba metse, le tse ri melañ tsa ombu.
26¶ Mi mosari oa gague a leba kua morago a le ha morago ga gague, mi a na pilara ea lecoai.
27¶ Mi Aberahame a tlatlogela go sale mosho heloñ ha o la a eme gona ha pele ga Yehova:
28Mi a leba kua Sodoma, le Gomora, le kua hatsiñ yeotle ya motlaba, mi a bona, mi bonañ, mosi oa lehatsi oa bo o tlatloga yaka mosi oa bokepisho yoa molelo.
29¶ Mi ga rihala ka Morimo o senya metse ea metlaba, Morimo oa gopola Aberahame, mi oa entsa Lote mo thibegecoñ e o ribegeritseñ metse e, Lote o la nna mo go eona.
30¶ Mi Lote a huruga mo Tsoara, mi a nna mo thabeñ, le bomoroarie ba tu ba na nae; gone a boiha go nna mo Tsoara; mi a nna mo moñoboñ, ena le bomoroarie ba tu.
31¶ Mi eo oa burure a raea eo motlana, Ra rona o cohetse, mi ga go na monona mo hatsiñ ye go tsena go rona kaha mokhueñ oa lehatsi:
32A re ee, re nose ra rona boyaloa yoa vine, mi re lale nae, gore re buluke losika loa ga ra rona.
33Mi ba nosa rabo boyaloa yoa vine sigoñ youo: mi oa burure a tsena a lala le rague: mi a se ka a lemoga ka a itelega, khotsa ka a coga.
34Mi ga rihala mo moshoñ, oa burure a raea eo motlana, Bona, ki letse le rre sigoñ yonu: a sigo yo le yona re mo nose boyaloa yoa vine; mi uena u tsene, u lale nae, gore re buluke losika loa ga ra rona.
35Mi ba nosa rabo boyaloa sigoñ youo: mi eo motlana a nanoga, a lala nae, mi a si ka a lemoga ka a itelega, khotsa ka a coga.
36Mi bomoroaria Lote ba ithuarisioa ki rabo.
37Mi oa burure a bona mosimane, mi a mo sha leina ya Moabe: eouo ki ra Bamoaba le ka yenu.
38Mi eo motlana le ena a bona mosimane, mi a mo sha leina ya Ben-ame: eouo ki ra bana ba Amona le ka yenu.

હાલમાં પસંદ કરેલ:

Genese 19: TSN1890

Highlight

શેર કરો

નકલ કરો

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in