YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 6

6
1Go na le bosula bongwe jo ke bo bonyeng tlase ga letsatsi, mme bo ketefaletse batho. 2Monna yo Modimo o mo nayang dikhumo, le thuo, le tlotlo, a bile a sa tlhokele mowa wa gagwe sepe sa dilo tsotlhe tse o di eletsang, le fa go ntse jalo Modimo o sa mo neye thata ya go ja ga tsone, mme di jewe ke moeng; mo ke boithamako, e bile ke pobolo e e bosula. 3Fa motho a tshola bana ba le lekgolo, mme a tshela dinyaga di le dintsi, metlha ya dinyaga tsa gagwe e ba e nna mentsi, mme mowa wa gagwe o sa tladiwe ka molemo, gape a sa bone phitlho; ka re phetelo e molemo bogolo go ene; 4ka gonne e tla e le lefela, e feta ka lefifi, le leina la yone le khurumediwe ke lefifi; 5gape ga e a ka ya bona letsatsi, le fa e le go le itse; e na le boikhutso bogolo go motho yole. 6Ee, le fa a ka tshela dinyaga di le 2 000; le fa go ntse jalo a sa je molemo ope monate, a botlhe ga ba ye felong go le gongwe fela? 7Letsapa lotlhe la motho ke ka ga legano la gagwe, le fa go ntse jalo pelo ya go ja ga e kgore. 8Gonne yo o botlhale o gaisa seeleele ka eng? Kgotsa motho wa mohumanegi yo o itseng go sepela fa pele ga batshedi o na le eng? 9Pono ya matlho e molemo bogolo go kgarakgatshego ya keletso; se le sone ke boithamako le go belebetlela phefo fela.
10Sengwe le sengwe se se kileng sa nna, leina la sone le se reilwe bogologolo, go a itsiwe fa e le motho; le gone ga a kake a ganela le ene yo o thata bogolo go ene. 11E re ka go na le dilo di le dintsi tse di totisang boithamako, go na le thuso yang mo mothong? 12Gonne e mang yo o itseng se se molemo mo mothong mo botshelong jwa gagwe, mo metlheng yotlhe ya botshelo jwa gagwe jwa boithamako, jo o bo fetisang jaaka moriti fela? Gonne e mang yo o ka bolelelang motho se se tlaa nnang morago ga gagwe tlase ga letsatsi!

Currently Selected:

MORERI 6: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy