YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 7

7
Dikakanyo tsa botshelo
1 Leina le le molemo
le gaisa setlolo se se tlhokegang;
le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi
le motho o tsetsweng ka lone.
2Go molemo go tsena mo ntlong
ya khutsafalelo bogolo go go tsena
mo ntlong ya ditlhapelo;
gonne moo ke gone bokhutlo
jwa batho botlhe; mme motshedi
o tlaa go baya mo pelong.
3Bohutsana bo molemo bogolo go
ditshego;
gonne pelo e itumedisiwa ke
sefatlhogo se se tlhontseng.
4Dipelo tsa ba ba botlhale
di mo ntlong ya khutsafalelo;
mme pelo tsa dieleele
di mo ntlong ya ditlhapelo.
5Go molemo mo mothong
go utlwa kgalemo ya ba botlhale,
bogolo go go utlwa pina ya dieleele.
6Gonne jaaka thathanyego ya mitlwa
fa tlase ga pitsa,
ditshego tsa seeleele di ntse jalo;
se le sone ke boithamako.
7Gonne boikgagapelelo
bo fetola motho yo o botlhale
seeleele; le go okwa ka madi
go senya tlhaloganyo.
8Bokhutlo jwa selo bo molemo
bogolo go tshimologo ya sone;
mme yo o pelotelele mo moweng
o molemo bogolo go yo o
boikgodiso mo moweng.
9 O se ka wa potlaka mo moweng
wa gago go nna bogale;
gonne bogale bo nna mo sehubeng
sa dieleele.
10O se ka wa re: “Ke ka ntlha yang
metlha ya pele e ne e gaisa eno?”
Gonne ga o botse ka botlhale ka ga
selo se.
11Botlhale bo molemo fela jaaka
boswa;
ee, bo molemo bogolo
mo go bone ba ba bonang letsatsi.
12Gonne botlhale ke phemelo,
fela jaaka madi e le phemelo;
molemo o o gaisang wa kitso,
ke go re botlhale bo boloka botshelo
jwa yo o nang najo.
13Akanya tiro ya Modimo;
gonne e mang yo o ka siamisang
sone se o se sokamisitseng?
14O nne boitumelo mo motlheng wa tlhogonolofalo, mme mo motlheng wa pitlagano o akanye; Modimo o bapisitse motlha o mongwe le o mongwe, gore motho a tle a se ka a lemoga sepe se se tlaa nnang morago ga gagwe.
15Dilo tse tsotlhe ke di bonye mo metlheng ya boithamako jwa me; go na le motho yo o siameng yo o swelang mo tshiamong ya gagwe, mme go na le motho yo o boikepo yo o gololang botshelo jwa gagwe mo go direng bosula ga gagwe. 16O se ka wa nna tshiamo ya mo go feteletseng; le gone o se ka wa itira botlhale jwa mo go feteletseng; ana o ka bo o itshenyetsang? 17O se ka wa nna boikepo jwa mo go feteletseng, le gone o se nne boeleele; ana o ka bo o swelang e ise e nne motlha wa gago. 18Go molemo gore o tshware selo se; ee, le gone o se ka wa ikgogona mo go sele; gonne ene yo o boifang Modimo o tlaa tswa mo go tsone tsotlhe.
19Mo mothong yo o botlhale, botlhale ke thata e e gaisang balaodi ba le some ba ba mo motseng.
20Gonne ga go na mosiami ope mo lefatsheng yo o dirang molemo a sa leofe.
21Gape o se ka wa tlhokomela mafoko otlhe a a buiwang; o ka tla wa utlwa motlhanka wa gago a go roga; 22gonne le yone pelo ya gago e a itse fa le wena ka wesi o rogile batho ba bangwe gantsi.
23Gotlhe mo ke go lekile ka botlhale; ke rile: “Ke tlaa nna botlhale;” mme ga nna kgakala le nna. 24Sone se se kwa kgakala, le se se boteng jo bo feteletseng; e mang yo o ka se lemogang? 25Ka retologa, mme pelo ya me ya tlhongwa gore e tle e itse, e kheleise, e batle botlhale, le go itse ka fa dilo di ntseng jaaka di ntse ka gone; le go itse fa boikepo e le boeleele, le gore boeleele ke botsenwa.
26Ke fitlhela sengwe se se galakang bogolo go loso, e bong mosadi yo pelo ya gagwe e leng diru le ditloa, yo diatla tsa gagwe di ntseng jaaka dikgole; mongwe le mongwe yo o kgatlhang Modimo o tlaa falola mo go ene; mme moleofi o tlaa tshwarwa ke ene. 27Bonang ke bonye se, go bua Moreri; ke ntse ke bapisa sengwe le se sengwe, go tla ke lemoga ka fa go ntseng ka gone, 28se mowa wa me o sa ntseng o se batla, se ke iseng ke se bone; yo e leng monna tota a le mongwe fela mo go ba ba makgolo a some ke mmonye; mme mo go bao botlhe, yo e leng mosadi ene tota, ga e se ke mmone. 29Bonang, ke bonye se, se le sosi, go re Modimo o dirile motho a thokgame; mme ba senkile maano a le mantsi.

Currently Selected:

MORERI 7: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy