YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 5

5
Se dire ditsholofetso ka bonako
1O re o tsena mo ntlong ya Modimo o nannabetse lonao lwa gago; gonne go atamela go utlwa, go molemo bogolo go setlhabelo sa dieleele, gonne ga di itse fa di dira bosula. 2O se ka wa phamoga ka molomo, mme a pelo ya gago e se nne bonako go bua sengwe fa pele ga Modimo; gonne Modimo o kwa legodimong, mme wena o mo lefatsheng; mme ke gone, a mafoko a gago a nne makhutshwane. 3Gonne toro e tle e tle ka bontsi jwa ditirotiro; le lentswe la seeleele le tla ka bontsi jwa mafoko. 4 Fa o ikanela Modimo ka ikano, o se ka wa diega go e lefa; gonne ga o na kgatlhego mo dieleeleng; o lefe se o ikanneng ka ga sone. 5Go molemo, go re o se ikane, bogolo go go re o ikane mme o sa lefe. 6O se ka wa leseletsa molomo wa gago wa leofisa nama ya gago; le gone o se ka wa bua fa pele ga moengele, wa re: “E ne e le timelo;” ana Modimo o ka bo o galefelelang lentswe la gago o ba o senya tiro ya diatla tsa gago? 7Gonne go tle go dirafale jalo ka ntlha ya bontsi jwa ditoro, le maithamako, le mafoko a mantsi; mme wena, o boife Modimo.
Botshelo ga bo na mosola
8Fa o bona patikego ya bahumanegi, le bapatiki ba tlosa katlholo le tshiamiso mo kgaolong nngwe ya lefatshe, o se ka wa gakgamalela selo seo; gonne mongwe yo o godimo ga yo o godimo o etse tlhoko; mme go na le ba ba godimo ga bone.
9Gape loato lwa mmu ke lwa botlhe; le e leng kgosi ka yosi e direlwa ke masimo.
10Yo o ratang selefera ga a ketla a kgora selefera; le yo o ratang letlotlo ga a ketla a kgora loato; se le sone ke boithamako. 11Fa dilo di ata, ba ba di jang le bone ba ntsifale; mme ke molemo wang mo go mong wa tsone, fa e se go di bona ka matlho fela? 12Boroko jwa motho yo o dirang bo monate, le fa a ja bonnye kgotsa bogolo, mme go kgora ga mohumi ga go mo leseletse go robala.
13Go na le bosula jo bo botlhoko jo ke bo bonyeng tlase ga letsatsi, ke go re dikhumo tse di bolokwang ke mong wa tsone di mo utlwise botlhoko. 14Dikhumo tseo di nyelele ka go welwa ke bosula bongwe; mme fa motho yoo a tshotse ngwana wa mosimane, ga go na sepe mo seatleng sa gagwe. 15 Jaaka a dule mo sebopelong sa ga mmaagwe, o tlaa ba a tloga jaaka a tsile, a sa ikatega, mme a se ketla a tsaya sepe ka ga letsapa la gagwe, se o ka tsamayang ka sone a se tshotse mo seatleng. 16Mo le gone ke bosula jo bo botlhoko, go re, mo dilong tsotlhe jaaka a tsile, o tlaa tsamaya fela jalo; mme ka a direla phefo o a ba a na le molemo wang? 17Le gone o tle a jele mo lefifing ka metlha yotlhe ya gagwe, mme a tshwenyege thata, a nne le botlhoko le kgakalo. 18Bonang, mo ke go bonyeng fa go le molemo go bile go le gontle, ke go re motho a je a nwe, a je monate wa letsapa la gagwe lotlhe, le o ineileng letsapa mo go lone tlase ga letsatsi, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe jo Modimo o bo mo neileng; gonne ke yone kabelo ya gagwe. 19Le motho mongwe le mongwe yo Modimo o mo neileng dikhumo le thuo, wa ba wa mo naya thata ya go di ja, le go itseela kabelo ya gagwe, le go itumela mo letsapeng la gagwe; moo, ke neo ya Modimo. 20Gonne ga a ketla a gakologelwa bobe ka metlha ya botshelo jwa gagwe; gonne Modimo o mo fetola mo boitumelong jwa pelo ya gagwe.

Currently Selected:

MORERI 5: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy