YouVersion Logo
Search Icon

NEHEMIA 6

6
Baganetsi ba rera Nehemia
1Jaana e rile go bolelelwa Sanebalate le Tobia le Gešeme wa Moarabia, le ba bangwe baba ba rona, fa ke agile lorako, le go re ga go a sala phatlha epe mo go lone; (le fa go ntse jalo mo lobakeng loo ke ne ke ise ke tsenye ditswalo mo dikgorong;) 2Sanebalate le Gešeme ba roma kwa go nna, ba re: “Ntlo, re kopanele mo motsaneng mongwe mo lobaleng lwa Ono.” Mme ba bo ba gopotse go ntira bosula. 3Ka roma batho kwa go bone, ka re: “Ke dira tiro e kgolo, mme ke retelelwa ke go fologela koo; tiro e ka bo e emelang ke e tlogela, ke fologela koo go lona?” 4Ba fela ba roma kwa go nna gane ka mokgwa o o ntseng jaana; mme ka ba fetola ka mokgwa o le mongwe fela.
5Foo Sanebalate a roma motlhanka wa gagwe kwa go nna ka mokgwa o o ntseng jalo lwa botlhano, a tshotse lokwalo lo lo sa kanwang; 6go kwadilwe mo go lone ga twe: “Go bolelwa mo merafeng, le Gešamu o bua jalo, fa wena le Bajuta lo gopotse go tsuolola; ke gone ka fa o agang lorako ka teng; o rata wa bo o nna kgosi ya bone ka fa mafokong a. 7O bile o tlhomile baperofeti go tla ba rera ka ga gago mo Jerusalema, ka go re: ‘Go na le kgosi mo Juta’; jaana go tlaa bolelelwa kgosi ka fa mafokong a. Ke gone jaana, ntlo, re gakololane mmogo.”
8Foo ka roma kwa go ene ka re: “Ga go a dirwa dilo dipe tse di ntseng jaaka o bua, o di ikgopodisitse fela mo pelong ya gago.”
9Gonne bao botlhe ba ne ba rata ba ka bo ba re boifisa, ba re: “Mabogo a bone a tlaa koafala mo tirong, gore e tle e se ka ya dirwa.” Mme jaana, “Modimo a ko o thatafatse mabogo a me.”
10Ka ya kwa ntlong ya ga Shemaia morwa Delaia morwa Mehetabele yo o ne a tswaletswe; mme a re: “A re kopanele mo ntlong ya Modimo, mo teng ga tempele, a re tswale tempele; gonne ba tlaa tla go go bolaya; ee, ba tlaa tla go go bolaya bosigo.”
11Mme ka re: “A monna yo o tshwanang jaaka nna o ka tshaba? Go na le mang, yo o reng a ntse jaaka ke ntse a tle a ye go ipolokela botshelo mo tempeleng? Ga ke tsene.” 12Ka lemoga gore Modimo o ne o sa mo roma; mme a bolela fela polelo eo ka ga me; Tobia le Sanebalate ba ne ba mo thapile ka tuelo. 13O ne a thapetswe gone moo, gore ke tle ke boife, le gore ke dire jalo ke leofe, le gore ba tle ba bone ka fa ba ka buang bosula ka gone, go tla ba nkgoba.
14Modimo wa me, a ko o gakologelwe Tobia le Sanebalate ka fa ditirong tse tsa bone, le ene Noadia moperofeti wa sesadi, le baperofeti ba bangwe ba ba ratang ba ka bo ba mpoifisitse.
Baagi ba fetsa go aga dithako
15Jalo lorako lwa wediwa ka letsatsi la 25 la kgwedi ya Elule, ka malatsi a le 52. 16E rile baba botlhe ba rona ba utlwa ka ga gone, ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya rona tsa boifa, tsa ipona ka tsosi fa di ngotlafetse thata: gonne ba lemoga fa tiro e dirilwe ke Modimo wa rona.
17Gape ya re mo metlheng eo magosana a Juta a nna a romela dikwalo di le dintsi kwa go Tobia, le gone dikwalo tsa ga Tobia tsa tla kwa go bone. 18Gonne go no go le bantsi mo Juta ba ba mo ikanetseng ka e le mogwaagwe Shekania morwa Ara; le Jehohanane morwawe o ne a nyetse morwadia Mešulame morwa Berekia. 19Le gone ba bua ka ga ditiro tsa gagwe tse di molemo fa pele ga me, ba ba ba mmolelela mafoko a me. Mme Tobia a romela dikwalo go tla go mpoifisa.

Currently Selected:

NEHEMIA 6: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy