YouVersion Logo
Search Icon

NEHEMIA 5

5
Kgatelelo ya bahumanegi
1Foo ga tsoga go gowa ga batho le ga basadi ba bone ka ga Bajuta bana ba ga rraabo. 2Gonne go no go na le ba ba reng: “Rona, le bomorwaa rona, le bomorwadia rona, re bantsi; a re batleng mabele, gore re je re tshele.”
3Gape go na le ba ba reng: “Re ntsha matlhagare a rona peelo, le masimo a rona a mafine, le matlo a rona; a re batleng mabele ka ntlha ya leuba.”
4Gape go no go na le ba ba reng: “Re adimile madi a lekgetho la kgosi ka matlhagare a rona le ka masimo a rona a mafine. 5Le fa go ntse jalo gompieno nama ya rona e nngwe fela le nama ya bana ba ga rraa rona, bana ba rona ba bangwe fela le bana ba bone; mme bonang, rona re a bo re isa bomorwaa rona le bomorwadia rona mo botshwarong jwa go nna batlhanka, le bangwe ba bomorwadia rona ba setse ba le mo botlhankeng le gompieno; le gone ga re na nonofo ya go go thiba; gonne batho ba sele ba tshotse matlhagare a rona le masimo a rona a mafine.”
6E rile ke utlwa go gowa ga bone le mafoko a, ka nna bogale thata. 7 Foo ka ikgakolola, ka ganela le magosana le balaodi, ka ba raya ka re: “Lo tsaya koketso ka patiko, mongwe le mongwe mo go ngwana wa ga rraagwe.” Ka ba epela pitso e kgolo. 8Ka ba raya ka re: “Rona ka fa nonofong ya rona re rekolotse Bajuta bana ba rraa rona, ba ba neng ba rekisitswe mo ditšhabeng; a lona lo rata go rekisa ba e leng bana ba rraa lona, a ba bile ba ka rekisiwa mo go rona?” Foo ba didimala fela, ba se ka ba bona lefoko le fa e le le lengwe fela go le bua.
9Gape ka re: “Selo se lo se dirang ga se molemo; a ga lo a tshwanela go sepela mo go boifeng Modimo wa rona ka ntlha ya kgobo ya ditšhaba tse e leng baba ba rona? 10Le nna, le bonnake, le batlhanka ba me, re ba adima madi le mabele ka go lopa koketso. Ke a lo rapela, a re bakeleng go lopa koketso e. 11Ke a lo rapela, ba reboleleng fela gompieno matlhagare a bone, le masimo a bone a mafine, le masimo a bone a matlhware, le matlo a bone, le bontlhanngwe jwa selekgolo sa madi, le sa mabele, le sa bojalwa jwa mofine le sa lookwane, dilo tse lo di tsayang mo go bone ka patiko.”
12Foo ba re: “Re tlaa di rebola, mme ga re ketla re lopa sepe mo go bone; re tlaa dira jalo, fela jaaka o bua.” Foo ka bitsa baperesiti, ka ba ikanisa, gore ba dire ka fa lefokong leo la tsholofetso. 13Gape ka ikudubatsa seatla sa kobo, ka re: “A Modimo o udubatse o bo o ntshe jalo mo ntlong ya gagwe, le mo tirong ya gagwe, motho mongwe le mongwe yo o sa dirafatseng tsholofetso e; a a udubadiwe fela jalo, a dirwe lolea fela.” Mme phuthego yotlhe ya re: “Amene!” mme ba baka Jehofa. Batho ba dira ka fa lefokong leo la tsholofetso eo.
Bopelonomi jwa ga Nehemia
14Gape e sa le go tswa mo lobakeng lo ke tlhomilweng ka lone gore ke nne molaodi wa bone mo lefatsheng la Juta, go tswa mo ngwageng wa 20 go ya fela ngwageng wa 32 wa kgosi Aretaserese, e bong dinyaga di le 12, nna le bana ba ga rre ga ise re ke re je dijo tsa molaodi. 15Balaodi ba pele ba ba neng ba le gone pele ga me, ba ne ba kgethelwa ke batho, ba tsaya mo go bone dijo le bojalwa kwa ntle ga dipapetla di le 40 tsa selefera; ee, le batlhanka ba bone ba ne ba tle ba laole batho; mme nna ga ke a ka ka dira jalo, ka ntlha ya go boifa Modimo. 16Ee, le gone ka tswelela pele mo tirong ya lorako lo, le gone ga re a ka ra reka lefatshe lepe; mme batlhanka ba me botlhe ba ne ba phuthegetse tiro teng.
17Gape go ne go tle go jele mo lomating lwa me Bajuta le balaodi ba le 150, kwa ntle ga bone ba ba re gorogelang, ba tswa kwa ditšhabeng tse di mo tikologong ya rona. 18Mo go baakanyediwang letsatsi le le lengwe e ne e le kgomo e nngwe fela, le dinku tse di tlhaotsweng di le thataro; le gone ke ne ke tle ke baakanyediwe dikoko, le one majalwa a mehuta yotlhe gangwe fela mo malatsing a le some; le fa go ntse jalo ga ke a ka ka lopa dijo tsa molaodi, gonne tirelo ya bogosi e ne e le bokete mo bathong ba.
19Modimo wa me, o nkgakologelelwe ka molemo, ka ntlha tsotlhe tse ke di diretseng tšhaba e.

Currently Selected:

NEHEMIA 5: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy