YouVersion Logo
Search Icon

NEHEMIA 4

4
Nehemia o fenya baba ba ba kgatlhanong le kago
1Ga dirala e rile Sanebalate a utlwa fa re aga lorako, a nna bogale, a šakgala thata, a sotla Bajuta. 2A bua fa pele ga bomorwa rraagwe le ntwa ya Samaria, a re: “Bajutanyana ba ba seng thata ba, ba dirang? A ba tlaa ithatafatsa? A ba tlaa isa ditlhabelo? A ba tlaa swetsa ka tsatsi le le lengwe fela? A ba tlaa tsosolosa maje ba a ntsha mo mekoeng ya matlakala, jaaka go fisitswe jaana?” 3Jaana Tobia wa Moamone o ne a le fa go ene, mme a re: “Le se ba se agang, fa phokoje a se palama, o ka thuba lorako lwa bone.” 4A ko o utlwe, Modimo wa rona, gonne re a nyadiwa; o busetse dikgobo tsa bone mo tlhogong ya bone, o ba neele go thopiwa mo lefatsheng la botshwaro. 5O se ka wa bipa boikepo jwa bone, a boleo jwa bone bo se phimolwe go tloga fa pele ga gago; gonne ba go tlhotlheleditse bogaleng fa pele ga baagi.
6Jalo ra aga lorako; lorako lotlhe lwa kopanngwa, e seng bogodimo jotlhe, mme e leng fa gare ga lone; gonne batho ba ne ba na le pelo ya go dira.
7Mme ga dirala e rile Sanebalate le Tobia le Baarabia le Baamone, le Baašetote ba utlwa fa mamatlelelo ya dithako tsa Jerusalema e tswelela kwa pele, le gore dithubego di simolola go thibala, ba nna bogale thata; 8botlhe ba rera mmogo, gore ba tle ba ye go tlhasela Jerusalema, le go dira kgoberego gone. 9Rona ra direla Modimo wa rona thapelo, ra ba beela ditlhola motshegare le bosigo, ka ntlha ya bone.
10Mme Juta a re: “Thata ya barwadi ba merwalo e ngotlegile, mme go sa na le matlakala a le magolo; jalo ga re a nonofa go aga lorako.”
11Baganetsi ba rona ba re: “Ga ba ketla ba itse le fa e le go bona, re be re tle re fitlhe mo gare ga bone, mme re khutlise tiro.”
12Ga dirala ya re Bajuta ba ba agileng fa go bone ba tla, ba re raya gasome, ba bua ba tswa mafelong otlhe, ba re: “Lo tshwanetse go boela kwa go rona.”
13Ke gone ka moo ya re mo mafelong a a kwa tlase a sebaka se se fa morago ga lorako, mo dipatlelong, ka baya batho ka fa ditshikeng tsa bone, ba tshotse ditšhaka tsa bone, le marumo a bone, le mara a bone. 14Ka leba, ka nanoga, ka raya magosana, le balaodi, le batho ba bangwe ka re: “Lo se ka lwa ba boifa; gakologelwang Morena, yo mogolo, le yo o boitshegang, lo tlhabanele bana ba ga rraeno, le bana ba lona ba basimane le ba basetsana, le basadi ba lona, le matlo a lona.” 15Ga dirala ya re baba ba rona ba utlwa fa go itsiwe ke rona, le go re Modimo o tsupueditse kgakololano ya bone, ra boela rotlhe kwa lorakong, mongwe le mongwe kwa tirong ya gagwe. 16E sa le go tswa mo lobakeng loo, bontlhanngwe jwa batlhanka ba me ba dira mo tirong, bontlhanngwe jwa bone ba bo ba tshotse marumo, dithebe, mara le maitshomelo a phemelo, balaodi ba bo ba le fa morago ga botlhe ba ntlo ya Juta. 17Ba ba agang lorako le ba ba rwalang merwalo ba ipelesa, mongwe le mongwe ka letsogo le lengwe a dira mo tirong, ka le lengwe a tshotse sebolao sa gagwe. 18Le baagi, mongwe le mongwe a ikgatlhile ka tšhaka ka fa nokeng ya gagwe, mme a age jalo. Yo o letsang lonaka a bo a le fa go nna.
19Ka raya magosana, le balaodi, le batho ba bangwe, ka re: “Tiro e kgolo, e bile a ntsintsi bobe, le rona re katoganye mo lorakong, mongwe o kgakala le yo mongwe. 20Kwa lo utlwang go lela ga lonaka teng, lo phuthegele teng kwa go rona; Modimo wa rona o tlaa re tlhabanela.”
21Jalo ra dira mo tirong: bontlhanngwe jwa bone ba bo ba tshotse marumo go tswa lobakeng lwa mahube a moso go tsamaya dinaledi di bonala. 22Le gone ka lobaka loo ka raya batho ka re: “A mongwe le mongwe le motlhanka wa gagwe a lale mo teng ga Jerusalema, gore e tle e re bosigo boo ba re lebelela, e re motshegare ba itse go nna kwa tirong.” 23Jalo go ne go le nna, go le bana ba ga rre, go le batlhanka ba me, go le banna ba tebelo ba ba ntshetseng morago, ga go a ka ga dira le ope wa rona yo o apolang diaparo, le gone mongwe le mongwe a ya nokeng a tshotse sebolao sa gagwe.

Currently Selected:

NEHEMIA 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy