YouVersion Logo
Search Icon

MATHAIO 4

4
Thaelo ya ga Jesu
(Mar 1:12-13; Luke 4:1-13)
1 Foo Jesu a gogelwa ke Mowa kwa nageng, a ya go raelwa ke diabolo. 2E rile a sena go ikitsa go ja ka malatsi a le 40, le masigo a le 40, morago a tloga a bolawa ke tlala. 3Mme moraedi a tla a mo raya a re: “A e re fa o le Morwa Modimo, o laole maje a, o re a fetoge dinkgwe.”
4 Mme ene a fetola a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’ ”
5Foo diabolo a mo isa mo motseng o o boitshepo; a mmaya mo setlhoeng sa tempele. 6 A mo raya a re: “A e re fa o le Morwa Modimo, o itatlhele kwa tlase, gonne go kwadilwe ga twe:
“ ‘O tlaa laela baengele ba gagwe
ka ga gago;
mme ba tlaa go legelela
ka diatla tsa bone,
e se re kgotsa lonao lwa gago
lwa sugakanngwa ke lentswe.’ ”
7 Jesu a mo raya a re: “Go bile go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa leka Morena Modimo wa gago.’ ”
8Gape diabolo a mo isa kwa thabeng e e godileng thata, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe, le kgalalelo ya one. 9Mme a mo raya a re: “Dilo tsotlhe tse ke tlaa di go naya, fa o ka wela fa fatshe wa nkobamela.”
10 Foo Jesu a mo raya a re: “Tloga o ye koo Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O obamele Morena Modimo wa gago, ke ene esi yo o tlaa mo direlang.’ ”
11Foo diabolo a mo tlogela; mme baengele ba tla ba mo direla.
Jesu o simolola tiro kwa Galilea
(Mar 1:14-15; Luke 4:14-15)
12 Jaana e rile a utlwa fa Johane a golegilwe, a ngongwaelela kwa Galilea. 13 A tswa mo Nasaretha, a tla a aga mo Kaperenaume o o fa lewatleng, mo molelwaneng wa Sebulone le Nafetali; 14gore go tle go dirale se se kileng sa buiwa ke moperofeti Isaia a re:
15 “Lefatshe la Sebulone,
le lefatshe la Nafetali,
bolebana le lewatle,
moseja ga Joretane,
Galilea wa merafe,
16batho ba ba neng ba dutse
mo lefifing,
ba bona lesedi le legolo,
le ba ba neng ba dutse
mo lefatsheng
le le mo moriting wa loso,
lesedi la ba tlhabela.”
17 E sa le ka lobaka loo Jesu a simolola go rera, le go re: “Ikwatlhaeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”
Jesu o bitsa batshwara ditlhapi ba le bane
(Mar 1:16-20; Luke 5:1-11)
18Ya re a tsamayatsamaya fa lewatleng la Galilea, a fitlhela banna ba le babedi, e le bana ba monna, e bong Simone yo o bidiwang Petere, le Anterea monnawe, ba konopela lotloa mo lewatleng, ka e ne e le batshwari ba ditlhapi. 19Mme a ba raya a re: “Ntshalang morago, mme ke tlaa lo dira batshwara batho.” 20Mme ba akofa ba tlogela ditloa tsa bone, ba mo sala morago.
21Ya re a tswa foo, a fitlhela ba bangwe ba le babedi, e le bana ba monna, e bong Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe, ba na le Sebete rraabo mo mokorong, ba tlhamaganya ditloa tsa bone; mme a ba bitsa. 22Ba akofa ba tlogela mokoro le rraabo, ba mo sala morago.
Jesu o ruta a ba a fodisa batho
(Luke 6:17-19)
23 Mme Jesu a tsamayatsamaya le lefatshe lotlhe la Galilea, a etla a ruta mo matlong a thuto a bone, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa malwetse mangwe le mangwe otlhe, le dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe mo bathong. 24Mme tumo ya gagwe ya utlwala mo lefatsheng lotlhe la Siria; mme ba isa kwa go ene botlhe ba ba bobolang, ba tshwerwe ke malwetse mangwe le mangwe, le ditlhokofatso, le ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe, ba ba karalalang le ba ba teteselang; mme a ba fodisa. 25Matshutitshuti a mantsi a batho a mo sala morago, a a tswang kwa Galilea, le kwa Dikapolise, le kwa Jerusalema, le kwa Jutea le kwa moseja ga Joretane.

Currently Selected:

MATHAIO 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in