YouVersion Logo
Search Icon

MATHAIO 5

5
Thero ya kwa Thabeng
1Jesu e rile ka a bone matshutitshuti a batho, a tlhatlogela mo thabeng; ya re a sena go dula fa fatshe barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene, 2mme a tswa molomo, a ba ruta a re:
Masego
(Luke 6:20-23)
3“Go sego ba ba humanegileng
mo moweng;
gonne bogosi jwa legodimo
ke jwa bone.
4 Go sego ba ba lelang;
gonne ba tlaa gomodiwa.
5 Go sego ba ba pelonomi;
gonne ba tlaa rua lefatshe.
6 Go sego ba ba bolawang ke tlala
le lenyora ka ntlha ya tshiamo;
gonne ba tlaa kgorisiwa.
7Go sego ba ba kutlwelobotlhoko;
gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko.
8 Go sego ba ba pelo di itshekileng;
gonne ba tlaa bona Modimo.
9Go sego ba ba letlanyang;
gonne ba tlaa bidiwa
bomorwa Modimo.
10 Go sego ba ba bogiseditsweng
tshiamo;
gonne bogosi jwa legodimo
ke jwa bone.
11 “Lo a bo lo le sego fa batho ba lo kgoba, ba lo bogisa, ba lo pateletsa bosula bongwe le bongwe ka ntlha ya me. 12 Itumeleng lo bo lo ipele thata; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa legodimong; gonne ba bogisitse fela jalo baperofeti ba ba neng ba le pele ga lona.
Letswai le lesedi
(Mar 9:50; Luke 14:34-35)
13 “Ke lona letswai la lefatshe; mme fa letswai le senyegile molodi, ana le ka lokwa ka eng? Ga le tlhole le na le gope, fa e se go latlhelwa kwa ntle, le go gatakwa ke batho fela.
14 “Ke lona lesedi la lefatshe. Motse o o beilweng mo godimo ga thaba ga o ka ke wa fitlhega. 15 Le gone batho ga ba ke ba tshuba lobone go tla ba lo huhumetsa tlase ga seelo, mme ba lo tlhoma mo setlhomong fela; lo phatsimele botlhe ba ba mo ntlong. 16 Fela jalo, a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraeno yo o kwa legodimong.
Thuto ya ga Jesu ka ga molao
17“Lo se ka lwa itlhoma gore ke tsile go senya molao le fa e le baperofeti; ga ke a tla go senya, fa e se go tlhomamisa fela. 18 Gonne ammaaruri ke a lo raya: Go tsamaya legodimo le feta le lefatshe, ga go ketla go feta tlhasenyana epe, le fa e le lonakanyana lope fela mo molaong, dilo tsotlhe di tle di tsamaye di dirafale pele. 19Ke gone, le fa e le mangmang yo o tlaa tlolang mongwe o mmotlanyana wa melao e, a ba a ruta batho jalo, o tlaa bidiwa mmotlanyana mo bogosing jwa legodimo; mme le fa e le mangmang yo o tlaa e dirang, a ba a e ruta batho, ene o tlaa bidiwa mogolo mo bogosing jwa legodimo. 20Gonne ke lo raye ke re, fa tshiamo ya lona e sa gaise tshiamo ya bakwadi le ya Bafarisai, ga lo ketla lo tsena gope mo bogosing jwa legodimo.
Thuto ya ga Jesu ka ga kgopisego
(Luke 12:57-59)
21 “Lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa bolaya motho; mme le fa e le mang yo o bolayang o tla bo a na le go sekisiwa;’ 22mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo. 23Ke gone, fa o isa neo ya gago o le fa sebesong, mme e re o le foo o bo o gakologelwa fa wa gaeno a na le sengwe nao, 24tlogela neo ya gago teng fa pele ga sebeso, o ye o letlane le wa gaeno pele, foo o itse go tla o isa neo ya gago.
25“O akofe o dumalane le moganetsi wa gago o sa ntse o na nae mo tseleng; e se re kgotsa moganetsi a go neela moatlhodi, mme moatlhodi a go neela leotlana, mme wa latlhelwa mo ntlong ya kgolegelo. 26Ammaaruri ke go raya ke re: Ga o ketla o tswa teng gope o ise o lefe ledinyana la bofelo pele.
Thuto ya ga Jesu ka ga boaka
27 “Lo utlwile fa go tulwe: ‘O se ka wa dira boaka.’ 28Nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong. 29 Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng. 30 Fa seatla sa gago se segolo se go kgopisa, o se kgaole, o se latlhe; gonne go ka nna molemo mo go wena fa nama nngwe ya gago e ka senyega, e seng mmele otlhe wa gago go latlhelwa mo moleteng.
Thuto ya ga Jesu ka ga tlhalo
(Math 19:9; Mar 10:11-12; Luke 16:18)
31 “Le gone go ne go tulwe: ‘Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a mo neye lokwalo lwa go mo tlhala.’ 32 Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka; mme le fa e le mang yo o tlaa mo nyalang a sena go tlhalwa o dira boaka.
Thuto ya ga Jesu ka ga maikano
33 “Gape lo utlwile fa go reilwe ba bogologolo ga twe: ‘O se ka wa ikana ka go aka, mme o tlhomamisetse Morena go ikana ga gago;’ 34 mme nna ke lo raya ke re: Se ikaneng ka gope, le fa e le ka legodimo, ka e le setulo sa Modimo sa bogosi; 35 le fa e le ka lefatshe, ka e le sebeo sa one sa dinao; le fa e le ka Jerusalema, ka e le motse wa Kgosi e kgolo. 36Le gone o se ka wa ikana ka tlhogo ya gago, ka o sa ka ke wa dira thiri e le nngwe fela go nna tshweu kgotsa ntsho. 37Go bua ga lona fa e le ‘Ee’, e nne ‘Ee’; fa e le ‘Nnyaa’, e nne ‘Nnyaa’; gonne se se fetang mo, se tswa mo bosuleng.
Thuto ya ga Jesu ka ga go ipusolosetsa
(Luke 6:29-30)
38 “Lo utlwile fa go tulwe: ‘A leitlho le tswelwe ke leitlho, le leino ke leino.’ 39Nna ke lo raya ke re: Se ganeleng le motho yo o bosula; mme yo o go fapholang ka fa lesameng le legolo, mo neele le le lengwe. 40Fa motho mongwe a rata a ka bo a go isa tshekong, mme a go tseela morepo, o mme a tseye kobo ya gago le yone. 41Le fa e le mang yo o go patikelang go tsamaya sebaka sa kilometara e le nngwe fela, ya nae di le pedi. 42Naya ene yo o go lopang, le yo o ratang go adima mo go wena, o se ka wa mo fularela fela.
Ratang baba ba lona
(Luke 6:27-28,32-36)
43 “Lo utlwile fa go tulwe: Rata wa gaeno, mme o ile mmaba wa gago; 44mme nna ke lo raya ke re: Ratang baba ba lona, lo rapelele ba ba lo bogisang; 45gore lo nne bana ba Rraeno yo o kwa legodimong; gonne ene o tlhabisetsa ba ba molemo le ba ba bosula letsatsi la gagwe, a nesetse basiami le basiamolodi pula. 46Fa e le fano lo rata ba ba lo ratang, e bo e le gore lo na le tuelo efe? Bakgethisi le bone a ga ba dire jalo? 47Le gone fa lo dumedisa bagalona ba le bosi, e bo e le gore lo dirang bogolo go ba bangwe? Baditšhaba le bone a ga ba dire jalo? 48 Ke gone lo tlaa nnang boitekanelo, jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boitekanelo.

Currently Selected:

MATHAIO 5: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in