YouVersion Logo
Search Icon

MATHAIO 3

3
Johane Mokolobetsi
(Mar 1:1-8; Luke 3:1-18; Joh 1:19-28)
1E rile mo metlheng eo ga tla Johane Mokolobetsi, a rera mo nageng ya Jutea a re:
2 “Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.” 3 Gonne yo, ke ene yo Isaia moperofeti o ne a bua ka ga gagwe, a re: “Lentswe la mongwe yo o kuang mo nageng a re: Baakanyang mmila wa Morena, siamisang ditsela tsa gagwe.”
4 Jaana Johane ene, diaparo tsa gagwe e ne e le tsa bobowa jwa kamela, le moitlamo wa letlalo mo lothekeng lwa gagwe; dijo tsa gagwe e le tsie le dinotshe tsa naga.
5Foo ga tswela kwa go ene Jerusalema, le lefatshe lotlhe la Jutea, le mo tikologong yotlhe ya Joretane; 6mme ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipolela dibe tsa bone.
7 Mme e rile a bona Bafarisai ba le bantsi le Basadukai ba tla kolobetsong ya gagwe, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang? 8Ke gona ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao. 9 Lo se ka lwa gopola lwa ithaya lwa re: ‘Re na le Aberahame ke ene rraetsho;’ gonne ke a lo raya, Modimo o nonofile go tsosetsa Aberahame bana ka maje a. 10 Le jaana fela selepe se tsepilwe mo metsweng ya ditlhare; ke gone setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo, se a rengwa, se latlhelwa mo molelong. 11Nna le gale ke lo kolobeletsa boikwatlhao ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ditlhako tsa gagwe ke sa tshwanelang go di mo tsholela, ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo; 12yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla, mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe; mabele a gagwe o tlaa a phuthela mo polokelong ya gagwe; mme mmoko o tlaa o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.”
Go kolobediwa ga Jesu
(Mar 1:9-11; Luke 3:21-22)
13Foo Jesu a tswa kwa Galilea, a tla kwa Joretane kwa go Johane, a tla go kolobediwa ke ene. 14Mme Johane a rata go mo itsa, a re: “Ke tshwanetse ka bo ke kolobediwa ke wena, mme a o tla mo go nna?”
15Mme Jesu a mo fetola a re: “Mma go nne jalo gompieno; gonne go re tshwanetse go dirafatsa tshiamo yotlhe jalo.” Foo a mo leseletsa.
16Jesu o rile a sena go kolobediwa, a tlhamalala a tlhatloga a tswa fa metsing; mme bonang, magodimo a mo atlhamologela, mme a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi o fologela mo go ene; 17 mme bonang, lentswe la tswa mo magodimong la re: “Yo ke morwaake yo o rategang, yo ke itumelang thata mo go ene.”

Currently Selected:

MATHAIO 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in