YouVersion Logo
Search Icon

MATHAIO 2

2
Ketelo ya ba ba botlhale ba botlhabatsatsi
1Jaana e rile Jesu a tsalelwa mo Bethelehema wa Jutea, mo metlheng ya kgosi Herote, bonang, banna ba ba botlhale ba ba tswang botlhabatsatsi ba fitlha mo Jerusalema ba re: 2“O fa kae yo o tsetsweng, Kgosi ya Bajuta? Gonne re bonye naledi ya gagwe re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela.”
3E rile kgosi Herote a utlwa jalo a fuduega, le motse otlhe wa Jerusalema nae. 4Mme a phutha baperesiti ba bagolo botlhe, le bakwaledi ba batho, a ba botsa kwa go tulweng Keresete o tlaa tsalelwa teng.
5Ba mo raya ba re: “Mo Bethelehema wa Jutea; gonne go kwadilwe jalo ke moperofeti a re: 6 ‘Wena Bethelehema, lefatshe la Juta, ga o mmotlana gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi, yo o tlaa nnang modisa wa batho ba me Baiseraele.’ ”
7Foo Herote a biletsa banna ba ba botlhale bao kwa thoko, a tlhotlhomisa go tlhaloganya mo go bone lobaka lo naledi e bonetseng ka lone. 8Mme a ba roma kwa Bethelehema a re: “Yang lo tlhotlhomise sentle ka ga ngwanyana yo; e re lo sena go mmona, lo tle go nkitsise, gore le nna ke ye go mo obamela.”
9Bone ya re ba sena go utlwa kgosi ba tsamaya; mme bonang, naledi e ba e bonyeng ba le kwa botlhabatsatsi, ya ba etelela pele, ya tsamaya ya fitlha ya ema e okame golo fa ngwanyana o leng teng.
10Ba re ba bona naledi ba itumela ka boitumelo jo bogolo thata. 11Ba fitlha ba tsena mo ntlong, ba bona ngwanyana a na le Maria mmaagwe; ba wela fa fatshe ba mo obamela; mme ba ntsha mahumo a bone, ba mo ntshetsa dineo: gouta, le malao a lebano le mura.
12Mme e ne ya re ka ba tlhagisitswe ke Modimo ka toro, gore ba se ka ba boela kwa go Herote, ba tsaya tsela e sele ba ya lefatsheng la ga bone.
Go tshabela kwa Egepeto
13Jaana e rile ba sena go tsamaya, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o bo o nne teng go tle go tsamaye ke go itsise; gonne Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.”
14Mme a tloga a tsaya ngwanyana le mmaagwe bosigo, a ya Egepeto; 15 Mme a nna teng, ga tsamaya Herote a swa; gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moperofeti a re: “Ke biditse morwaake a le kwa Egepeto.”
Polao ya maseana
16Foo Herote, o rile a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba botlhale bao, a gakala thata, mme a roma batho, a bolaya tshimane yotlhe ya Bethelehema, le ya tikologo yotlhe ya teng, go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonnaa bone, ka fa motlheng o o o tlhotlhomisitseng, a tlhaloganya mo go ba ba botlhale ka one.
17Foo ga dirala se se kileng sa buiwa ke moperofeti Jeremia a re:
18 “Lentswe la utlwala mo Rama,
selelo le khutsafalo e kgolo,
e le Ragele
a lelela bana ba gagwe;
mme a gana go gomodiwa,
ka gobo ba seyo.”
Go boa kwa Egepeto
19E rile Herote a sena go swa, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro, kwa Egepeto, a re: 20“Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o ye lefatsheng la Iseraele; gonne ba ba kileng ba batla go mmolaya ba sule.” 21Mme a tloga a tsaya ngwanyana le mmaagwe, a tla mo lefatsheng la Iseraele.
22E rile a utlwa fa Arekelao a busa mo Jutea, mo boemong jwa ga Herote rraagwe, a boifa go ya teng; mme ya re ka a tlhagisitswe ke Modimo ka toro, a ngongwaelela kwa dintlheng tsa Galilea. 23 A fitlha a aga mo motseng o go tweng Nasaretha; gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke baperofeti, fa a tlaa bidiwa Monasara.

Currently Selected:

MATHAIO 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in