YouVersion Logo
Search Icon

ESERA 6

6
Taolo ya ga Kurose ya go aga Tempele e bonwa gape
1Foo Dario kgosi a ntsha taolo, mme ga senkwa mo ntlong ya dikwalo kwa dikhumo di beilweng teng mo Babilone. 2Ga fitlhelwa lokwalo kwa Akemetha, mo ntlong ya kgosi e e mo lefatsheng la Media, ga bo go kwadilwe mo go lone tirafalo e e ntseng jaana, go twe:
3“E rile ka ngwaga wa ntlha wa ga Kurose kgosi, Kurose a ntsha taolo; a re: Ka ga ntlo ya Modimo kwa Jerusalema, a e agiwe, e bong felo fa ba isang tlhabelo gone, mme a metheo ya yone e thaiwe thata; bogodimo jwa yone bo nne dimetara di le 27, boatlhamo jwa yone bo nne jwa dimetara di le 27. 4E nne ditsela di le tharo tsa maje a magolo, le tsela e le nngwe fela ya dikgong tse dintšha; mme dituelo tsa matsapa a tiro di tswe mo ntlong ya kgosi. 5Le gone dilwana tsa gouta le tsa selefera tsa ntlo ya Modimo, tse Nebukatenesare o ne a di tsaya a di ntsha mo tempeleng e e kwa Jerusalema a di isa Babilone, di busiwe, di isiwe gape mo tempeleng e e kwa Jerusalema, sengwe le sengwe kwa bonnong jwa sone, mme o di tsenye mo ntlong ya Modimo.
Dario o laola gore tiro e tswelele
6“Ke gone jaana wena Tatenai, molaodi kwa moseja ga noka, le Shethare-bosenai, le bankana ba lona Baafaresake, ba lo kwa moseja ga noka, lo nne kgakala nago. 7Lesang tiro e, ya ntlo ya Modimo; lo mme molaodi wa Bajuta le bagolwane ba Bajuta ba age ntlo e, ya Modimo mo felong ga yone. 8Gape, ke ntsha taolo ka ga se lo tlaa se direlang bagolwane ba, ba Bajuta, ka ga kago ya ntlo e ya Modimo; ke gore mo dilong tsa kgosi, e bong mo lekgethong la koo moseja ga noka, go tsewe tuelo ya matsapa, e newe batho ba ka tlhoafalo yotlhe, gore ba se kgoreletsege. 9Mme se ba se tlhokang, dipholwana tsa dikgomo, le diphelefu, le dikwanyana tsa ditshupelo tse di fisediwang Modimo wa legodimo, le mabele, letswai, bojalwa jwa mofine le lookwane, ka fa lefokong la baperesiti ba ba kwa Jerusalema, ba go ntshediwe ka tsatsi lengwe le lengwe go se na tlhaelo, 10gore ba tle ba isetse Modimo wa legodimo ditlhabelo tsa lonko lo lo monate, ba rapelele botshelo jwa kgosi le jwa bomorwa yone. 11Gape ke ntshitse taolo ya go re, le fa e le mang yo o tlaa fetolang lefoko le, la nna ka go sele, a mosipuri mongwe o somolwe mo ntlong ya gagwe, mme a a tsholediwe a gokelelwe mo go one; ntlo ya gagwe e dirwa thotobolo ka ntlha ya gone moo. 12Modimo o o dirileng gore leina la one le nne gone, a o ribegetse dikgosi le ditšhaba tse di tlaa ntshang letsogo go fetola taolo e, go senya ntlo e, ya Modimo, e e kwa Jerusalema. Nna Dario ke ntshitse taolo; a e dirwe ka tlhoafalo yotlhe.”
Tempele e a kgakolwa
13Foo Tatenai, molaodi wa kwa moseja ga noka, le Shethare-bosenai, le bankana ba bone, ba dira jalo ka tlhoafalo yotlhe, gonne Dario kgosi o ne a romile. 14 Bagolwane ba Bajuta ba aga, ba tlhogonolofala ka go ruta ga Hagai moperofeti, le Sekaria morwa Ito. Ba e aga ba e wetsa, ka fa taolong ya Modimo wa Iseraele, le ka fa taolong ya ga Kurose, le Dario, le Aretaserese kgosi ya Peresia. 15Mme ntlo eo ya wediwa ka letsatsi la boraro la kgwedi ya Atare, ke go re ka ngwaga wa borataro wa puso ya kgosi Dario. 16Bana ba Iseraele, baperesiti le Balefi, le ba bangwe ba bana ba botshwaro, ba tshegetsa kgakolo ya ntlo eo ya Modimo ka boitumelo. 17Ya re mo lobakeng lwa kgakolo ya ntlo eo ya Modimo, ba isa dipholwana tsa dikgomo di le 100 tshupelo, diphelefu di le 200, dikwanyana di le 400; ba isa diphoko di le 12 tshupelelo ya boleo, ka ga Baiseraele botlhe, ka fa palong ya ditso tsa Baiseraele. 18Ba tlhoma baperesiti ka dikgaogano tsa bone, le Balefi ka makoko a diphapaanong tsa bone, ka ga tirelo ya Modimo e e mo Jerusalema; jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa ga Moše.
Moletlo wa Tlolaganyo
19 Bana ba botshwaro ba tshegetsa tlolaganyo ka letsatsi la 14 la kgwedi ya ntlha. 20Gonne baperesiti le Balefi ba iitshekisitse mmogo; ba le boitsheko botlhe. Mme ba tlhabela bana botlhe ba botshwaro tlolaganyo, le baperesiti bomogoloa bone, le bone ka bosi. 21Bana ba Iseraele, ba ba bileng ba dule mo botshwarong, ba ja le botlhe ba ba itomololetseng ba tswa mo lesweng la ba ditšhaba di sele tsa lefatshe, ba tla go batla Jehofa Modimo wa Iseraele, le bone ba ja. 22Ba tshegetsa modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang ka malatsi a supa ka boitumelo; gonne Jehofa o na a ba itumedisitse, a sokololetse pelo ya kgosi ya Asiria kwa go bone, go tla a thatafatsa diatla tsa bone mo tirong ya ntlo ya Modimo, Modimo wa Iseraele.

Currently Selected:

ESERA 6: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy