YouVersion Logo
Search Icon

ESERA 7

7
Esera o goroga mo Jerusalema
1Jaana e rile morago ga dilo tse, mo pusong ya ga Aretaserese kgosi ya Peresia, Esera morwa Seraia, morwa Asaria, 2morwa Hilekia, morwa Shalume, morwa Satoke, morwa Ahitube, 3morwa Amaria, morwa Asaria, morwa Meraiothe, morwa Serahia, morwa Usi, 4morwa Buki, morw Abišua, morwa Finehase, 5morwa Eleasare, morwa Arone moperesiti yo mogolo; 6Esera yoo a tlhatloga a tswa Babilone, mme a bo a le mokwadi yo o bobebe mo molaong wa ga Moše, o Jehofa Modimo wa Iseraele o ne a o beile; mme kgosi ya mo naya gotlhe ka fa o lopang ka gone, ka fa seatleng sa ga Jehofa Modimo wa gagwe se leng mo go ene ka teng.
7Ga tlhatloga bangwe ba bana ba Iseraele, le ba baperesiti, ba Balefi, ba baopedi, ba balebedi ba kgoro le ba Banethinime, ba ya Jerusalema ka ngwaga wa bosupa wa ga Aretaserese kgosi. 8Mme a fitlha kwa Jerusalema ka kgwedi ya botlhano, ke go re mo ngwageng wa bosupa wa kgosi. 9Gonne e rile ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha, a simolola go bolola kwa Babilone, ya re ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya botlhano a fitlha mo Jerusalema, ka fa seatla se se molemo sa Modimo wa gagwe se leng mo go ene ka gone. 10Gonne Esera o ne a itlhomamisitse pelo gore o tlaa batla molao wa ga Jehofa, a ba a o dira, a ba a ruta batho melao le dikatlholo mo Iseraele.
Aretaserese o neela Esera lokwalo lwa ditaolo
11Jaana a ke malebela a lokwalo lo kgosi Aretaserese o lo neileng Esera moperesiti, mokwadi, e bong mokwadi wa mafoko a ditaolo tsa ga Jehofa, le wa melao ya gagwe e o e neetseng Baiseraele. 12A re: “Aretaserese, kgosi ya dikgosi, go Esera moperesiti, mokwadi wa molao wa Modimo wa legodimo, yo o itekanetseng, a kwala jaana le jaana, ka re: 13Ke ntsha taolo, gore bone botlhe batho ba Iseraele, mo bogosing jwa me, le baperesiti ba bone, le Balefi ba ba ratang ka pelo ya bone go ya Jerusalema, ba ye nao. 14E re ka o rongwa ke kgosi le bagakolodi ba yone ba supa, wa ya go botsa ka ga Juta le Jerusalema, ka fa molaong wa Modimo wa gago, o o mo seatleng sa gago; 15le go isa selefera le gouta tse kgosi le bagakolodi ba yone ba di neileng Modimo wa Iseraele ka pelo e e beleegang, Modimo o bonno jwa one bo leng kwa Jerusalema. 16Le selefera sotlhe le gouta tse o tla di fitlhelang mo lefatsheng lotlhe la Babilone, di na le neo ya batho e e leng ya pelo e e beleegang fela, le ya baperesiti, ba ntshetsa ntlo ya Modimo e e kwa Jerusalema ka pelo e e thamileng fela; 17ke gone o reke ka tlhoafalo yotlhe ka madi ao, dipoo le diphelefu le dikwanyana, di na le dithsupelo tsa tsone tsa boupe, le ditshupelo tsa tsone tsa noo, o di ise tshupelo mo sebesong sa ntlo ya Modimo wa lona, e e kwa Jerusalema.
18“Se se tlaa nnang molemo mo matlhong a gago le a bana ba ga rraago go se dira ka selefera le gouta tse di salang, lo dire sone ka fa go rateng ga Modimo wa lona. 19Le dilwana tse o di neelwang tsa tirelo ya ntlo ya Modimo wa gago, o di fitlhise fa pele ga Modimo wa Jerusalema. 20Sengwe se sele se se ka tlhokafalang mo ntlong ya Modimo wa gago, se o bonang o tshwanetse go se ntsha, o se ntshe fela mo ntlong ya kgosi ya dikhumo.
21“Mme nna, e bong nna, Aretaserese kgosi, ke ntshetsa baboloki botlhe ba dikhumo ba ba kwa moseja ga noka taolo, go re sengwe le sengwe se Esera moperesiti, mokwadi wa molao wa Modimo wa legodimo, o tlaa se lopang mo go lona, se dirwe fela ka tlhoafalo yotlhe, 22go ya go fitlha kwa dikilokerameng de le 3 400 tsa selefera, dikgetsi tsa mabele, di le 100, dilitara tsa bojalwa jwa mofine di le 2 000, dilitara tsa lookwane di le 2 000 le letswai le le sa balweng selekanyo. 23Sengwe le sengwe se se laotsweng ke Modimo wa legodimo, a se direlwe ntlo ya Modimo wa legodimo fela jalo; gonne bogale bo ka bo bo wela go reng mo bogosing jwa kgosi le bomorwa yone? 24Gape re a lo itsise ka ga baperesiti le Balefi, baopedi, balebedi ba kgoro, Banethimine, le batlhanka ba ntlo eo ya Modimo, go re, e tlaa bo e le go tlola molao fa lo tsaya lekgetho, sehuba, kgotsa morokotso mo go bone.
25“Mme wena Esera, ka fa botlhaleng jwa Modimo wa gago, jo bo mo seatleng sa gago, o tlhome basiamisi le baatlhodi ba ba tlaa atlholang batho botlhe ba ba kwa moseja ga noka, botlhe ba ba itseng melao ya Modimo wa gago; lo rute bone ba ba sa e itseng. 26Le fa e le mang yo o ganang go dira molao wa Modimo wa gago, le molao wa kgosi, a a sekisiwe ka tlhoafalo yotlhe, le fa e ka bo e le ka go bolawa, gongwe ka go lelekwa, kgotsa ka go gapelwa dilo, kgotsa ka go tsenngwa mo ntlong ya kgolegelo.”
Esera o boka Modimo
27A go bakweng Jehofa, Modimo wa borraetsho, yo o tsentseng selo se se ntseng jalo mo pelong ya kgosi, go kgabisa ntlo ya ga Jehofa e e mo Jerusalema; 28a bile a nkatlabaleleditse pelonomi fa pele ga kgosi le bagakolodi ba yone, le fa pele ga dikgosana tse dikgolo tsa kgosi; mme ka thatafadiwa ka fa seatla sa ga Jehofa Modimo wa me se ile sa nna mo go nna ka gone, mme ka phutha mo go Baiseraele banna ba e leng ditlhogo, gore ba tsamaye le nna.

Currently Selected:

ESERA 7: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy