YouVersion Logo
Search Icon

ESERA 4

4
Baganetsi ba Bajuta ba thibela kago ya Tempele
1Jaana e rile baganetsi ba Juta le Benjamine ba utlwa fa bana ba botshwaro ba agela Jehofa Modimo wa Iseraele tempele, 2 foo ba atamela kwa go Serubabele le kwa ditlhogong tsa makgotla a borara, ba ba raya ba re: “Mmang re ageng le lona, gonne re batla Modimo wa lona, jaaka lona; e sa le ka motlha wa ga Esare-hatone kgosi ya Asiria yo o re lerileng kwano, re ntse re o isetsa tlhabelo.”
3Mme Serubabele le Ješua, le ba bangwe ba ditlhogo tsa makgotla a borara ba Iseraele, ba ba raya ba re: “Ga lo na sepe le rona fa e ka bo ne ne lo re, lo ka agela Modimo wa rona ntlo; mme rona ka rosi re tlaa agela Jehofa Modimo wa Iseraele, jaaka kgosi Kurose, kgosi ya Peresia a re laotse.” 4Foo batho ba lefatshe ba koafatsa mabogo a batho ba Juta, ba ba tshwenya mo go ageng. 5Ba ba thapela balogisa maano ka tuelo, go tla ba senya boikaelelo jwa bone, ka metlha yotlhe ya ga Kurose kgosi ya Peresia go ya fela motlheng wa puso ya ga Dario kgosi ya Peresia.
Baganetsi ba gana gore Jerusalema a tsosiwe seša
6 E rile mo pusong ya ga Ahasuero, mo tshimologong ya puso ya gagwe ba kwala ka ga banni ba Juta le Jerusalema lokwalo lo lo ba nayang molato.
7Erile mo metlheng ya ga Aretaserese, Bišelame, Mitheretathe, Tabeele le ba bangwe ba bankana ba gagwe, ba kwalela Aretaserese kgosi ya Peresia; mme go kwalwa ga lokwalo go ne go kwadilwe ka ditlhaka tsa Sesiria ga ba ga kwalwa ka puo ya Sesiria.
8Rehume kala e kgolo ya bogosi le Shimešai mokwadi, ba kwalela kgosi Aretaserese lokwalo ka ga Jerusalema ka mokgwa o o ntseng jaana. 9Foo Rehume kala e kgolo ya bogosi le Shimešai mokwadi le ba bangwe bankana ba bone ba kwala ba re: “Badina le Baafaresathaka, Batarepela le Baafarese, Baarekefa le Bababilone, 10le Bašušanaka le Bateha, Baelama le merafe e mengwe e Osenapare yo mogolo yo o tlotlegang o ne a e hudutsha, a e baya mo motseng wa Samaria le mo lefatsheng le lengwe le le kwa moseja ga noka, ba kwala jaana le jaana.”
11A, ke one malebela a lokwalo lo ba lo isitseng kwa go kgosi Aretaresese; ba re: “Batlhanka ba gago, banna ba ba moseja ga noka, ba kwala jaana le jaana. 12A go itsiwe ke kgosi fa Bajuta ba ba tswang koo go wena ba tsile kwano go rona mo Jerusalema; ba o aga e le motse o o serukhutlhi o o bosula; ba weditse dithako ba bile ba mamatletse metheo. 13Jaana a go itsiwe ke kgosi gore e tlaa re fa motse o o agiwa le dithako di wediwa, ba tlaa gana go ntsha lekgetho le sehuba kgotsa morokotso, mme kwa bofelong go tlaa direla dikgosi molato. 14Jaana e re ka re ja letswai la ntlo ya kgosi, mme go sa re tshwanela go leba fela go tlotlologa ga kgosi, ke gone ka fa re romileng ra itsise kgosi ka gone; 15gore go tle go senkwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa borraago, jalo o tlaa fitlhela mo lokwalong lwa ditirafalo, mme o tlaa itse fa motse o e le motse o o serukhutlhi, o o utlwisang dikgosi le mafatshe botlhoko, le gone ba kile ba nna ba tsosa pheretlho mo go one mo metlheng ya bogologolo; mme motse o wa kgakgabadiwa ka ntlha ya gone moo. 16Re itsise kgosi gore fa motse o o agiwa, le dithako fa di ka wediwa, ka ntlha ya dilo tse di ntseng jalo, o tlaa bo o sa tlhole o na le sepe moseja ono ga noka.”
17Foo kgosi ya romela phetolo kwa go Rehume kala e kgolo ya bogosi, le kwa go Shimešai mokwadi, le kwa go ba bangwe bankana ba bone ba ba agileng mo Samaria, le mo lefatsheng le lengwe moseja ga noka, a re: “Kagiso,” a ba a kwala jaana le jaana. 18A re: “Lokwalo lo lo lo rometseng kwa go rona lo badilwe sentle fa pele ga me. 19Mme ka laola, mme go senkilwe, go fitlhetswe gore gale bogologolo motse o, o kile wa nna wa direla dikgosi pheretlho, le gore borukhutlhi le bolotlhanyi bo dirilwe mo go one. 20Gape go kile ga ne go le dikgosi tse dikgolo mo Jerusalema, tse di busitseng lefatshe lotlhe le le moseja ga noka; mme tsa ntshediwa lekgetho, le sehuba le morokotso. 21Jaana lo dire taolo ya go khutlisa batho ba, le gore motse oo o se agiwe, go tle go tsamaye taolo e tswe mo go nna pele. 22Lo itise, gore lo se ka lwa nyafala mo selong se, ana molato o tlaa bo o totafalelang go tla o utlwisa dikgosi botlhoko?”
23Foo e rile malebela a lokwalo lwa kgosi Aretaserese a balwa fa pele ga Rehume, le Shimešai mokwadi, le bankana ba bone, ba ya Jerusalema ka potlako kwa Bajuteng, mme ba ba khutlisa ka thata le nonofo.
Tempele e agiwa seša
24Foo ga khutla tiro ya ntlo ya Modimo e e mo Jerusalema; ya khutla go ya go fitlha mo ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Dario kgosi ya Peresia.

Currently Selected:

ESERA 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in