YouVersion Logo
Search Icon

ESERA 3

3
Tirelo Modimo e simololwa gape
1E rile go fitlhile kgwedi ya bosupa, bana ba Iseraele ba le mo metseng ya bone, batho ba phuthega mo Jerusalema jaaka ba ka bo ba le monna a le mongwe fela. 2 Foo ga ema Ješua morwa Josatake, le baperesiti bana ba ga rraagwe, le Serubabele morwa Shealetiele, le bana ba ga rraagwe, mme ba aga sebeso sa Modimo wa Iseraele, go tla ba isa ditshupelo tse di fisiwang mo go sone, jaaka go kwadilwe mo molaong wa ga Moše, monna wa Modimo. 3 Ba tlhoma sebeso mo bonnong jwa sone; gonne poifo e ne e le mo go bone ka ntlha ya batho ba mafatshe, ba isetsa Jehofa tshupelo tse di fisiwang mo go sone, e bong ditshupelo tse di fisiwang ka moso le maitsebowa. 4 Ba dira modiro wa diobo jaaka go kwadilwe, ba isa ditshupelo tse di fisiwang tsa malatsi otlhe ka fa palong, ka fa molaong o o tlhomameng, ka fa tshwanelo ya letsatsi lengwe le lengwe e lopang ka gone. 5 Morago ga moo tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe, le ditshupelo tsa go rogwa ga dikgwedi, le tsa mediro yotlhe ya ga Jehofa e e itsegeng, e e ilelelwang Modimo, le tsa mongwe le mongwe yo o ne a ntshetsa Jehofa ka pelo e e thamileng, a ntsha tshupelo ya peleego fela. 6Go simolola ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa ba simolola go isetsa Jehofa ditshupelo tse di fisiwang; mme motheo wa tempele ya ga Jehofa wa bo o ise o thaiwe.
Bajuta ba simolola go aga Tempele seša
7Le gone ba naya babetli ba maje madi, le babetli ba dikgong; ba naya bone ba Sitone, le ba Ture, dijo, le noo le lookwane, go tla ba tsaya ditlhare tsa masetara kwa Lebanone, ba di isa kwa lewatleng kwa Jopa, ka fa thateng e ba e neilweng ke Kurose kgosi ya Peresia. 8Jaana e rile ka ngwaga wa bobedi wa go tla ga bone mo ntlong ya Modimo mo Jerusalema, ka kgwedi ya bobedi, Serubabele, morwa Shealatiele, le Ješua morwa Josatake, le ba bangwe ba bana ba ga rraabo baperesiti le Balefi, le botlhe ba ba tswang botshwarong, ba tla Jerusalema, ba simolola; mme ba tlhoma Balefi, go simolola ka ba ba dinyaga di 20 go ya kwa go bomogolo a bone, gore ba nne balebedi ba tiro ya ntlo ya ga Jehofa. 9Foo Ješua a ema le bomorwawe le bana ba ga rraagwe Katamiele le bomorwawe, bomorwa Juta ba le mmogo go tla ba nna balebedi ba badiri mo ntlong ya Modimo; bomorwa Henatate ba na le bomorwaa bone le Balefi, bana ba ga rraabo.
10 E rile baagi ba thaya motheo wa tempele ya ga Jehofa, ba tlhoma baperesiti ba apere diaparo tsa bone ba tshotse dinaka, le Balefi bomorwa Asafe ba tshotse disemebala, go tla ba baka Jehofa ka fa taolong ya ga Dafite kgosi ya Iseraele. 11 Mme ba opelelelana, ka ba baka, ba leboga Jehofa, ba re:
“Gonne o molemo,
gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe
bo eme ka bosakhutleng
mo go Baiseraele.”
Mme batho botlhe ba thela lošalaba lo logolo, ka ba baka Jehofa, gonne motheo wa ntlo ya ga Jehofa o thailwe. 12Batho ba le bantsi mo baperesiting, le mo go Balefi, le mo go ba e leng ditlhogo tsa makgotla a borara, bannabagolo, ba gale ba ba bonyeng ntlo ya ntlha, e rile motheo wa ntlo e, o thaiwa fa pele ga matlho a bone, ba lela ka lentswe le le tsholetsegileng; mme batho ba bangwe ba le bantsi ba thela lošalaba ka boitumelo: 13Batho ba ba ba retelelwa ke go farologanya kgoo ya boitumelo mo modumong wa go lela ga batho, gonne batho ba thela lesoa le legolo thata, mme modumo wa utlwala kgakala.

Currently Selected:

ESERA 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in