YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 8

8
1E mang yo o ntseng jaaka motho yo o botlhale? E mang yo o itseng phuthololo ya selo? Botlhale jwa motho bo tle bo sese sefatlhogo sa gagwe, mme go sosobanya sefatlhogo sa gagwe go fetoge.
Obamelang kgosi
2Ke a go gakolola, o tshegetse taolo ya kgosi, le ka ga yone ikano ya Modimo. 3O se ka wa potlakela go tswa fa pele ga yone; o se ka wa itshoka ka thata mo selong se se bosula; gonne kgosi e dira se e se ratang. 4Ka gobo lefoko la kgosi le na le thata; mme e mang yo o ka e rayang a re: “Ana o dirang?” 5Ene yo o tshegetsang taolo ga a ketla a itse sepe se se bosula; mme pelo ya motho yo o botlhale e lemoga motlha le tshiamiso. 6Gonne boikaelelo bongwe le bongwe bo na le motlha le tshiamiso; gonne matladika a motho a magolo mo go ene. 7Gonne ga a itse sone se se tlaa nnang; gonne e mang yo o ka mmolelelang ka fa se tlaa nnang ka gone? 8Ga go na motho ope yo o nang le thata mo moweng go kganela mowa; le gone ga a na taolo mo motlheng wa loso; ga go na bofalolo mo ntweng eo; le boikepo ga bo ketla bo golola ene yo o ineetseng mo go jone.
Moikepi le Mosiami
9Gotlhe mo ke go bonye, mme ka tlhoma pelo ya me mo tirong nngwe le nngwe e e dirwang tlase ga letsatsi; go na le motlha o motho o nang le thata mo go yo mongwe ka one go ikutlwisa botlhoko. 10Le gone ka bona baikepi ba fitlhwa, mme ba fitlha mo phupung; mme bone ba ba dirileng tshiamo ba tloga ba tswa mo felong ga boitshepo, mme ba lebalwe mo motseng; mo le gone ke boithamako.
11Ereka katlholo ka ga tiro e e bosula e sa dirafadiwe ka bonako, ke gone ka moo pelo ya bana ba batho e tlhomameng mo go bone ka mokgwa o o tletseng, go tla ba dira bosula. 12Le fa moleofi a dira bosula ga lekgolo, a ba a golola metlha ya gagwe, le fa go ntse jalo, ruri ke a itse fa go tlaa nna molemo mo go ba ba boifang Modimo, ba boifa fa pele ga one; 13mme ga go ketla go nna molemo mo moikeping, le gone ga a ketla a golola malatsi a gagwe a a ntseng jaaka moriti; ka a sa boife fa pele ga Modimo. 14Go na le boithamako jo bo dirwang mo lefatsheng; ke go re, go na le batho ba ba siameng, ba go tleng go ba dirafalele ka fa tirong ya baikepi; gape go na le baikepi, ba go tleng go ba dirafalele ka fa tirong ya basiami; ka re, se le sone ke boithamako.
15Foo ka baka ditlhapelo, gonne motho ga a na sepe se se molemo fa tlase ga letsatsi bogolo go go ja, le go nwa, le go tlhapelwa; gonne moo go tlaa sala nae mo letsapeng la gagwe ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe, jo Modimo o bo mo neileng tlase ga letsatsi.
16E rile ke tlhoma pelo ya me, gore ke tle ke itse botlhale, le go bona ditirotiro tse di dirwang mo lefatsheng; (gonne go bile go na le se se sa boneng boroko ka matlho, motshegare le fa e le bosigo); 17foo ka leba tiro yotlhe ya Modimo, ka re, motho ga a kake a lemoga tiro e e dirwang tlase ga letsatsi; gonne le fa motho a inaya letsapa jang go e lemoga, le fa go ntse jalo ga a ketla a e lemoga; ee, le gone le fa motho yo o botlhale a gopola go e itse, le fa go ntse jalo, ga a ketla a nonofa go e lemoga.

Currently Selected:

MORERI 8: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in