YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 9

9
1Gotlhe mo ka go baya mo pelong ya me, e bong go go kheleisa gotlhe; e bong go re, basiami le ba ba botlhale ba bo mo seatleng sa Modimo, le ditiro tsa bone; le fa e ka ne e le lorato kgotsa kilo, motho ga a itse; gotlhe go fa pele ga bone. 2Dilo tsotlhe di dirafalela botlhe ka mokgwa o le mongwe fela: Mo basiaming le mo baikeping go tirafalo e le nngwe fela; mo go ba ba molemo, le mo go ba ba itshekileng le ba ba sa itshekang; mo go ene yo o isang tshupelo, le mo go yo o sa iseng tshupelo; jaaka yo o molemo a ntse, moleofi o ntse fela jalo; le yo o ikanang, o ntse fela jaaka yo o boifang go ikana. 3Se ke bosula mo go tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi, gore botlhe ba bone tirafalelo e le nngwe fela; ee, le gone pelo ya bana ba batho botlhe e tletse bosula, le gone botsenwa bo mo pelong tsa bone ka ba sa ntse ba tshela, mme morago ga moo ba ye mo baswing. 4Gonne yo o sa ntseng a tshwaraganye le batshedi botlhe o na le tsholofelo; gonne ntša e e tshedileng e molemo bogolo go tau e e suleng. 5Gonne batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo; gonne kgakologelo ya bone e lebetswe. 6Go le lorato lwa bone, le kilo, le bopelotshetlha, jaanong go nyeletse gotlhe fela; le gone ga ba tlhole ba na le kabelo epe ka bosakhutleng mo go sengwe se se dirwang tlase ga letsatsi.
7Ya koo, o je senkgwe sa gago ka boitumelo, o nwe bojalwa jwa gago jwa mofine ka pelo e e ntseng mokete; gonne Modimo o setse o amogetse ditiro tsa gago. 8A diaparo tsa gago di nne ditshweu ka metlha yotlhe; mme tlhogo ya gago e se tlhoke setlolo. 9O tshele ka boitumelo le mosadi wa gago yo o mo ratang, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gago jwa boithamako, e Modimo o e go neileng tlase ga letsatsi; ka metlha yotlhe ya boithamako jwa gago: gonne ke yone kabelo ya gago mo botshelong, le mo letsapeng le o inayang letsapa mo go lone tlase ga letsatsi. 10Se seatla sa gago se se bonang go se dira o se dire fela ka nonofo ya gago; gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong, kwa o yang gone.
11Ka boa, mme ka bona tlase ga letsatsi, go re, go siana ga go fenngwe ke ba ba lobelo, le fa e le ntwa ke ba ba thata, le fa e le dijo ke ba ba botlhale, le fa e le khumo ke batho ba ba nang le tlhaloganyo, le fa e le botsalano ke batho ba ba ditswerere; mme ba dirafalelwe botlhe ke motlha le bowelo. 12Gonne le motho ga a itse motlha wa gagwe, jaaka ditlhapi tse di tshwarwang ka lotloa lo lo bosula, le jaaka dinonyane tse di tshwarwang ka mutlwane, bana ba batho ba tshwarwa jalo ka mutlwane mo motlheng o o bosula, mogang o ba welang ka tshoganetso.
Dikakanyo tsa botlhale le boeleele
13Ke bile ke bonye botlhale tlase ga letsatsi ka mokgwa o o ntseng jaana, mme mo go nna jwa nna e kete bo bogolo; 14go ne go le motse o mmotlana, le banna ba le babotlana mo teng ga one; mme ga tla kgosi e kgolo go tlhabana le one, ya o tlhasela, ya o agela dikago tse dikgolo tsa tlhabanelo; 15jaana ga fitlhelwa mo go one monna wa mohumanegi yo o botlhale, mme a golola motse ka botlhale jwa gagwe; le fa go ntse jalo, ope ga a ka a gakologelwa motho yoo wa mohumanegi. 16Foo ka bua, ka re: Botlhale bo molemo bogolo go thata; le fa go ntse jalo botlhale jwa mohumanegi bo a nyadiwa, le mafoko a gagwe ga a utlwiwe. 17Mafoko a motho yo o botlhale a a buiwang ka neneselo a utlwiwa bogolo go leratla la yo o busang mo dieleeleng. 18Botlhale bo molemo bogolo go dibolao tsa tlhabano; mme moleofi a le mongwe fela o senya molemo o mogolo.

Currently Selected:

MORERI 9: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in