YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 9

9
Saule o kopana le Samuele
1Jaana ga bo go le monna mongwe wa Babenjamine, yo leina la gagwe e ne e le Kiše, morwa Abiele, morwa Zeror, morwa Bekorathe, morwa Afia, morwa motho wa Mobenjamine, e le monna yo o seganka se se pelokgale. 2A bo a na le ngwana wa mosimane, leina la gagwe e le Saule, e le lekau, a le montle; mme mo baneng ba Iseraele go ne go se na motho yo montle bogolo go ene; go tswa maruding go ya kwa godimo a feta batho ba bangwe botlhe fela.
3Diesela tsa ga Kiše, rraagwe Saule, tsa bo di timetse. Kiše a raya Saule morwawe a re: “A ko o tseye motlhanka, o nanoge, o ye go batla diesela.” 4Mme a ralala lefatshe la Eferaime la makgabana, a ba a ralala lefatshe la Shališa, mme ba se ka ba di bona, a ralala lefatshe la Shaalime, mme di ne di se gone; a ralala lefatshe la Babenjamine, mme ba se ka ba di bona. 5E rile ba sena go fitlha mo lefatsheng la Sufe, Saule a raya motlhanka wa gagwe yo o nang nae a re: “A re ke re boe; a tlaa re gongwe rre a khutle go tlhokomela diesela a gopole rona.”
6A mo raya a re: “Bona jaana, go na le monna wa Modimo mo motseng o, ke monna yo o tlotlegang; tsotlhe tse o di buang di tle di dirale ruri; a re ye gone; e tlaa re gongwe a re bolelele ka ga loeto lwa rona lo re mo go lone.”
7Foo Saule a raya motlhanka wa gagwe a re: “Bona, fa re ya re tlaa ya le eng kwa monneng yoo? Ka senkgwe se fedile mo ditokelong tsa rona, ga go na mpho e re ka yang nayo kwa monneng yoo wa Modimo; re na le eng?”
8Motlhanka a fetola Saule gape a re: “Bona, ke tshotse ledi la kgaogano ya bone ya šekela sa selefera; yone ke tlaa e naya monna wa Modimo, gore a re bolelele tsela ya rona.”
9(E re gale mo Iseraele fa motho a ne a ya go botsa Modimo, o ne a tle a bue jaana a re: “A re yeng Molebing;” ka yo o bidiwang Moperofeti gompieno, gale o ne a bidiwa Molebi.)
10Foo Saule a raya motlhanka wa gagwe a re: “O bolelela ruri; a re ye.” Jalo ba ya motseng kwa monna wa Modimo o gone. 11E rile ba le fa botlhatlogong go ya kwa motseng, ba fitlhela barweetsana ba ba yang go ga, ba ba raya ba re: “A molebi o mono?”
12Ba ba fetola ba re: “O gone, o fa pele ga gago; itlhaganele, gonne o tsile gompieno mo motseng; ka batho ba na le tlhabelo gompieno mo felong fa go tlotlometseng.
13“Lo tlaa re fela lo sena go tsena mo motseng lo akofe lo mmone, a ise a tlhatlogele kwa felong fa go tlotlometseng a ya go ja; gonne batho ga ba ketla ba a ja a ise a tle, ka gobo o tla a segofatse tlhabelo; morago go je ba ba laleditsweng. Ke gone jaana tlhatlogang; gonne ka lobaka lono lo tlaa mo fitlhela.” 14Ba tlhatlogela kwa motseng; ya re ba sa tsena mo motseng; ya re ba sa tsena mo motseng, bona, Samuele a bo a tla go rakana nabo, gore a tlhatlogele kwa felong fa go tlotlometsing.
15Jaana Jehofa o ne a letse a senoletse Samuele, Saule a ise a tle, a re: 16“E tlaa re ka moso go riana, ke tlaa roma kwa go wena monna mongwe yo o tswang lefatsheng la Benjamine, mme o mo tlotse, gore a nne kgosana ya tšhaba ya me Iseraele, mme o tlaa golola tšhaba ya me mo seatleng sa Bafilisitia; gonne ke lebile tšhaba ya me, ka go kgajajega ga bone go fitlhile mo go nna.”
17Ya re Samuele a bona Saule, Jehofa a mo raya a re: “Bona monna yo ke buileng nao ka ga gagwe, ke yo; ene o tlaa nna le taolo mo bathong ba me.” 18Foo Saule a atamela Samuele mo kgorong, a re: “A ko o mpolelele kwa ntlo ya molebi e gone.”
19Samuele a fetola Saule a re: “Ke nna molebi; a re ye koo, re ye kwa felong fa go tlotlometseng, gonne lo tlaa ja le nna gompieno; mme e tlaa re ka moso ke go neye tsela, ke go bolelele gotlhe mo go mo pelong ya gago. 20Ka ga diesela tsa gago tse di tsereng malatsi a mararo di ntse di timetse, o se ka wa di gopola bobe; gonne di bonywe. Mme gotlhe mo go eletsegang mo Iseraele ke ga mang? A ga se ga gago, le ga botlhe ba ntlo ya ga rraago?”
21Saule a mo fetola a re: “A ga ke Mobenjamine wa lotso lo lobotlana lwa ditso tsa Iseraele, le losika lwa me ke lo lobotlana mo ditshikeng tsotlhe tsa lotso lwa Benjamine? Kana o buelang le nna ka mokgwa o o ntseng jalo?”
22Samuele a tsaya Saule le motlhanka wa gagwe, a ba isa mo ntlwaneng e e tseelang baeng, a ba dudisa mo mannong a a tlotlegang mo go ba ba laleditsweng, ba e ka ne e le batho ba le 30. 23Samuele a raya moapei a re: “Lere kabo e ke e go neetseng, e ke go reileng ka re: ‘O e beye fa go wena.’ ” 24Moapei a tsaya serope le se se mo go sone, a se baya fa pele ga Saule. Samuele a re: “Bona mo go ne go sadisitswe! O go beye fa pele ga gago, o je: gonne go ne go boloketswe wena, go beetswe lobaka lo lo laotsweng, ka ke rile, ke laleditse batho.” Jalo Saule a ja le Samuele ka tsatsi leo. 25E rile ba sena go fologa mo felong fa go tlotlometseng ba tla mo motseng, ba bua mmogo ba le mo godimo ga ntlo.
Samuele o tlotsa Saule lookwane lwa bogosi
26Mme ba phakela: ga dirala ya re e ka ne e le ka lobaka lwa mahube a moso, Samuele a bitsa Saule kwa godimo ga ntlo a re: “Tsoga, gore ke tle ke go neye tsela.” Saule a tsoga, mme ba tswela kwa ntle boo babedi, ene le Samuele. 27Ya re ba fologa kwa sekhutlong sa motse, Samuele a raya Saule a re: “Raya motlhanka a fetele kwa pele ga rone,” (mme a fetela pele), “wena, ema fela ka lobaka lone, gore ke tle ke go utlwise lefoko la Modimo.”

Currently Selected:

1 SAMUELE 9: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in