YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 10

10
1Foo Samuele a tsaya kurwana ya lookwane, a lo tshela mo tlhgong ya ga Saule, a mo atla, a mo raya a re: “A ga se go re, Jehfa o go tloditse, gore o nne kgosana ya boswa jwa gagwe? 2E tlaa re o sena go tswa mo go nna gompieno o fitlhele banna ba le babedi fa phupung ya ga Ragele, mo molelwaneng wa Benjamine kwa Selesa; ba tlaa go raya ba re: ‘Diesela tse o ne o ile go di batla di bonywe, mme rraago o lesitse go tlhokomela diesela, o gopotse wena, a re: Ana ke tlaa dirang ka ga morwaake?’ 3O tlaa tswelela pele o tswa foo, o fitlhe mo mookeng wa Tabore, o tlaa kopana le banna ba le bararo gone ba ba yang Modimong kwa Bethele, mongwe a rwele dipotsane di le tharo, yo mongwe a rwele dinkgwe di le tharo, yo mongwe a rwele mofalo wa bojalwa jwa mofine. 4Ba tlaa go dumedisa, ba go naya dinkgwe di le pedi; tsone o di amogele mo seatleng sa bone. 5Morago ga moo o tlaa fitlha mo thoteng ya Modimo, kwa go ntseng setlhopha sa masole a Bafilisitia gone; go tlaa dirala gore, e tlaa re o sena go fitlha koo kwa motseng, o kopane le lesomo la baperofeti le fologa kwa felong fa go tlotlometseng ba na le seletare, le moropana, le lotlhaka, le harepa fa pele ga bone; ba tlaa bo ba duduetsa ka difela. 6Mowa wa ga Jehofa o tlaa tla ka thata mo go wena, mme o tlaa duduetsa nabo, mme o tlaa fetolwa o nna motho o sele. 7A go dirale go re, e re fa ditshupo tse di tsile mo go wena, o dire ka fa o tlaa bonang lobaka ka gone; gonne Modimo o na nao. 8O nketelele pele o fologele kwa Gilegale; mme ke tlaa fologela kwa go wena, ke ya go isa ditshupelo tse di fisiwang, le go tlhaba ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso. O tlaa tlhola malatsi a supa go tsamaye ke tle koo go wena ke go supetse se o tlaa se dirang.”
9Ga nna fela jalo, ka ya re a sena go hularela Samuele, Modimo wa mo naya pelo e sele; le gone ditshupo tseo tsotlhe fela tsa dirafala ka tsatsi leo. 10E rile ba fitlha koo kwa thoteng, lesomo la baperofeti la kopana nae; mme mowa wa tla ka thata mo go ene, mme a duduetsa mo go bone. 11Ga dirala e rile botlhe ba ba mo itseleng gale ba bona moo, ba mmona fa a duduetsa le baperofeti, foo batho ba raana ba re: “Seo se, se se tletseng morwa Kiše ke eng? A Saule le ene o mo baperofeting?” 12 Mongwe wa felo foo a fetola a re: “Rraabo e be e le mang?” Ke gone ka moo go tlogileng ga tlhajwa seane sa go re: “A Saule le ene o mo baperofeting?” 13E rile a sena go khutla go duduetsa, a tla felong fa go tlotlometseng.
14Rangwanaagwe Saule a raya ene le motlhanka wa gagwe a re: “Lo ne lo ile kae?” A re: “Re ne re ile go batla diesela; mme e rile re bona fa di sa bonale ra ya kwa go Samuele.”
15Rangwanaagwe Saule a re: “A ko o mpolelele se Samuele o se buileng le lona.”
16Saule a raya rangwanaagwe a re: “A re tlhaloganyetsa sentle fa diesela di bonywe.” Mme ka ga mafoko a bogosi a Samuele o ne a a buile, ga a ka a mmolelela.
Saule o tlhongwa kgosi
17Samuele a biletsa batho mmogo kwa go Jehofa kwa Misepa; 18a raya bana ba Iseraele a re: “Go bua jaana Jehofa, Modimo wa Iseraele a re: ‘Ke ntshitse Iseraele mo Egepeto, ka lo golola mo seatleng sa Baegepeto, le mo seatleng sa magosi otlhe a a ne a lo patika.’ 19Mme gompieno lo ganne Modimo wa lona, o o lo gololang ka osi mo ditshenyegelong tsotlhe tsa lona, le mo dipitlaganong tsa lona; lo o reile lwa re: ‘Nnyaa, re tlhomele kgosi.’ Mme jaana, ikemiseng fa pele ga Jehofa ka fa ditsong tsa lona, le ka fa masomosomong a lona.”
20Jalo Samuele a atametsa ditso tsotlhe, mme lotso lwa Benjamine lwa tlhaolwa. 21A atametsa lotso lwa Benjamine ka ditshika tsa lona, ga tlhaolwa losika lwa Bamateri; ga tlhaolwa Saule morwa Kiše; mme e rile ba mo senka, o ne a sa ka ke a bonwa. 22Ke gone ba fela ba botsa Jehofa gape ba re: “A monna yo o setsa a tsile?” Jehofa a ba fetola a re: “Bonang, o iphitlhile mo dithotong.”
23Ba siana ba ya go mo ntsha gone; e rile a ema mo gare ga batho, a bo a feta batho botlhe ka boleele go tswa maruding go ya kwa godimo. 24Samuele a raya batho botlhe a re: “A lo a bona ene yo Jehofa o mo itshenketseng, fa go se na ope yo o tshwanang nae mo bathong botlhe ba?” Batho botlhe ba thela lošalaba ba re: “A kgosi e tshele!”
25Foo Samuele a bolelela batho mokgwa wa bogosi, a ba a go kwala mo lokwalong, a lo baya mo polokong fa pele ga Jehofa. Mme Samuele a naya batho botlhe tsela, mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe. 26Saule le ene a ya kwa ga gagwe kwa Gibea; mme ga ya nae lesomo la banna ba ba pelokgale, ba Modimo o amileng dipelo tsa bone. 27Mme banna bangwe ba ba diramatla ba re: “Monna yo, o tlaa re boloka jang?” Ba mo nyatsa, ba se ka ba mo leretse mpho epe. Mme ene a didimala fela.

Currently Selected:

1 SAMUELE 10: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in