YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 7

7
1 Banna ba Kiriathe-jearime ba tla, ba tsaya letlole la ga Jehofa, ba le isa kwa ntlong ya ga Abinatabe mo thoteng, ba itshepisa Eleasare morwawe, gore a nne a boloke letlole la ga Jehofa.
Samuele ke moatlhodi wa Iseraele
2Ya re go tswa letsatsing le letlole le ileng go nna mo Kiriathe-jearime ka lone, lobaka lwa nna loleele; gonne e ne e le dinyaga di le 20; mme ba ntlo ya Iseraele botlhe ba hutsafalela Jehofa.
3Samuele a bua le ba ntlo ya Iseraele botlhe a re: “Fa lo boela mo go Jehofa ka pelo yotlhe ya lona, foo a medimo e sele ya seeng e tlosediwe koo mo go lona, le boAšetarothe, mme lo baakanyetse Jehofa dipelo tsa lona, lo direle ene esi; mme o tlaa lo golola mo seatleng sa Bafilisitia.” 4Foo bana ba Iseraele ba tlosetsa koo boBaale le boAšetarothe, mme ba direla Jehofa a le esi.
5Samuele a re: “Phuthelang Baiseraele botlhe kwa Misepa, mme ke tlaa lo rapelela mo go Jehofa.” 6Ba phuthegela kwa Misepa ba ga metsi, ba a thela fa pele ga Jehofa, ba ikitsa go ja ka tsatsi leo ba re: “Re leofetse Jehofa.” Samuele a atlhola Iseraele mo Misepa.
7E rile Bafilisitia ba utlwa fa bana ba Iseraele ba phuthegetse kwa Misepa, barena ba Bafilisitia ba bololela Iseraele. E rile bana ba Iseraele ba utlwa, ba boifa Bafilisitia. 8Bana ba Iseraele ba raya Samuele ba re: “O se ka wa khutla go re goelela kwa go Jehofa Modimo wa rona, gore a re golole mo seatleng sa Bafilisitia.” 9Samuele a tsaya kwanyana e e anyang, a e isetsa Jehofa, e le tshupelo e e fisiwang e le boleka; Samuele a goela kwa go Jehofa ka ga Iseraele; mme Jehofa a mo araba. 10Ya re Samuele a sa ntse a isitse tshupelo e e fisiwang, Bafilisitia ba atamela, ba tla go tlhabana le Iseraele; Jehofa a dumisa tumo e kgolo ya maru ka tsatsi leo mo godimo ga Bafilisitia, a ba tlhapeisa; ba kgemethega fa pele ga Iseraele. 11Banna ba Iseraele ba tswa mo Misepa, ba konatelela Bafilisitia, ba ba kgemetha ba ba ba tla ba fitlha fa tlase ga Bethekare.
12Foo Samuele a tsaya lentswe, a le tlhoma fa gare ga Misepa le Shene, a le raya leina a re, Ebenesere, a re: “Jehofa o ntse a re thusa nako e sa le eno.” 13Jalo Bafilisitia ba fenngwa, mme ba se ka ba tlhola ba tsena mo melelwaneng ya Iseraele; letsogo la ga Jehofa la tlhabana le Bafilisitia ka malatsi otlhe a ga Samuele. 14Le metse e Bafilisitia ba ne ba e gapetse Iseraele ya rebolelwa Iseraele, go tswa Ekerone go ya fela kwa Gathe; le lefatshe tikologong ya gone Iseraele a le golola mo seatleng sa Bafilisitia. Go ne go le kagiso gare ga Iseraele le Baamore.
15Samuele a atlhola Iseraele ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe. 16E ne e re ka ngwaga le ngwaga a nne a dikologe a ye Bethele, le Gilegale, le Misepa, a atlhole Iseraele mo mafelong otlhe ao. 17A boele Rama; gonne ntlo ya gagwe e ne e le gone; a atlhola Iseraele gone, a ba a agela Jehofa sebeso gone.

Currently Selected:

1 SAMUELE 7: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in