YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 6

6
Bafilisitia ba busa letlole la Kgolagano
1Letlole la ga Jehofa la nna mo lefatsheng la Bafilisitia dikgwedi di supa. 2Bafilisitia ba bitsa baperesiti le baitseanape ba re: “Re tlaa dirang ka letlole la ga Jehofa? Re kaeleng ka fa re ka le isang kwa ga lone ka gone.”
3Ba re: “Fa lo tsamaisa letlole la Modimo wa Iseraele, lo se ka lwa le tsamaisa fela le se na sepe; kwa ntle ga dilo tsotlhe, lo bo lo mo isetse tshupelelo ya tlolo, foo lo tlaa fodisiwa, mme go tlaa itsiwe ke lona ka fa letsogo la one le sa tlosiweng mo go lona ka gone.”
4Foo ba re: “Setlhabelo sa tlolo se re tlaa se isang kwa go ene, e ka nna eng?” Ba re: “Ditlhagala tsa gouta di le tlhano, le dipeba tsa gouta di le tlhano, ka fa palong ya barena ba Bafilisitia; gonne sebetso se le sengwe fela sa nna mo go lona lotlhe, le mo bareneng ba lona. 5Ke gone, dirang ditshwantsho tsa ditlhagala tsa lona, le ditshwantsho tsa dipeba tsa lona tse di senyang lefatshe; lo galaletse Modimo wa Iseraele; e tlaa re gongwe letsogo la one o le tlhofofatse mo go lona, le mo medimong ya lona, le mo lefatsheng la lona. 6Lo a bo lo thatafaletsang dipelo tsa lona, jaaka Baegepeto le Faro ba ne ba thatafatsa dipelo tsa bone? A e rile a sena go dira dikgakgamatso mo go bone, a ga ba a lesa batho ba tsamaya? 7Ke gone jaana lo baakanyeng kara e ntšha, le dikgomo di le pedi tse di gangwang, tse go iseng go bewe jokwe mo go tsone, lo golege dikgomo mo kareng, lo talhaole dinamane tsa tsone di ye gae. 8Lo tseye letlole la ga Jehofa lo le beye mo kareng; dilo tsa gouta tse lo di isang kwa go ene e le tshupelelo ya tlolo, lo di beye mo letloleng fa go lone; lo le bolotse gore le tsamaye. 9Lo bone, e tlaa re fa lo tlhatloga le tsela ya molelwane wa kwa ga lona kwa Bethešemeše, foo e tlaa bo e le ene yo o re diretseng bosula jo bogolo jo; fa go sa nna jalo, foo re tlaa bo re itse fa e ne e se seatla sa gagwe se se re iteileng; mme e le sedimogo fela se se re wetseng.”
10Batho ba dira jalo; ba tsaya dikgomo di le pedi tse di gangwang, ba di golega mo kareng, ba tswalela dinamane tsa tsone mo gae. 11Ba baya letlole la ga Jehofa mo kareng, le letlole le le nang le dipeba tsa gouta le ditshwantsho tsa ditlhagala. 12Dikgomo tsa tlhamalala fela le tsela e e yang Bethešemeše; tsa tsaya tsela ya mheru, di etla di lela, di se ka tsa fapogela ka fa go le legolo le fa e le go la molema; barena ba Bafilisitia ba di sala morago go ya go fitlha molelwaneng wa Bethešemeše.
13Batho ba Bethešemeše ba bo ba ne ba roba mabele a bone a masesane mo molapong; mme ya re ba tsholetsa matlho, ba bona letlole, ba itumela go le bona. 14Kara ya fitlha mo leoteng la ga Jošua wa Bethešemeše, ya ema gone, fa go nang le lentswe le legolo gone; ba fatola dikgong tsa kara gone, ba isa dikgomo tshupelo e e fisediwang Jehofa gone. 15Balefi ba pagolola letlole la ga Jehofa, le letlole le le nang nalo, le dilo tsa gouta tse di mo go lone, ba di baya mo lentsweng le legolo leo; mme banna ba Bethešemeše ba isetsa Jehofa ditshupelo tse di fisiwang, ba isa ditlhabelo ka tsatsi leo. 16E rile barena ba batlhano bale ba Bafilisitia ba sena go go bona, ba boela kwa Ekerone ka tsatsi leo fela.
17Tse ke tsone ditlhagala tsa gouta tse Bafilisitia ba di isitseng kwa go Jehofa e le tshupelelo ya tlolo; nngwe ya Ašetote, nngwe ya Gasa, nngwe ya Ašekelone, nngwe ya Gathe, nngwe ya Ekerone. 18Le dipeba tsa gouta, ka fa palong ya metse yotlhe ya Bafilisitia e e neng e le ya barena ba batlhano, ya metse e e thekeleditsweng, le ya e e leng metsana fela e e mo nageng; ga ya fela kwa lentsweng le legolo, le ba pagololetseng letlole la ga Jehofa mo go lone; lentswe leo le sa le gone mo leoteng la ga Jošua wa Bethešemese le gompieno.
19A itaya banna ba Bethešemeše, ka ba okometse mo letloleng la Jehofa a itaya banna ba le 70 ba bone batho, le banna ba le 50 000; batho ba lela gonne Jehofa a kgemetha batho ka polao e kgolo.
Letlole la Kgolagano le kwa Kiriathe-jearime
20Banna ba Bethešemeše ba re: “E mang yo o nonofileng go ema fa pele ga Jehofa, Modimo o o boitshepo o? O tlaa tlhatlogela kwa go mang, o tswa mo go rona?” 21Ba roma batho kwa banning ba Kiriathe-jearime, ba re: “Bafilisitia ba bositse letlole la ga Jehofa; tlang kwano, lo le tseye, le ye koo go lona.”

Currently Selected:

1 SAMUELE 6: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in