YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 5

5
Letlole la Kgolagano kwa lefatsheng la Bafilisitia
1Jaana Bafilisitia ba ne ba gapile letlole la Modimo, ba le tlosa kwa Ebenesere ba le isa kwa Ašetote. 2Bafilisitia ba tsaya letlole la Modimo, ba le isa mo ntlong ya ga Dagone, ba le baya fa go Dagone. 3Ya re ka moso, Baašetoto ba phakela ba tsoga, ba fitlhela Dagone a wetse fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga letlole la ga Jehofa. Ba tsaya Dagone, ba mmaya mo bonnong jwa gagwe gape. 4E rile ba phakela ba tsoga ka moso o mongwe, ba fitlhela Dagone a wetse gape fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga letlole la ga Jehofa, tlhogo ya ga Dagone le diatla tsa gagwe tsoo pedi tsa bo di komogile, di komogetse fa serepoding; Dagone a setse a le komota fela. 5Ke gone ka moo, go le baperesiti ba ga Dagone, le botlhe ba ba tsenang mo ntlong ya ga Dagone, ga ba ke ba gata serepodi sa ga Dagone mo Ašetote, nako e sa le eno.
6Letsogo la ga Jehofa la nna boima mo go bone Baašetote, mme a ba senya, a ba betsa ka ditlhagala, e bong Ašetote le ba didikadike tsa gone. 7E rile batho ba Ašetote ba bona fa go ntse jalo, ba re: “Letlole la Modimo wa Iseraele ga le ketla le nna mo go rona; gonne letsogo la one le mo go rona mo go botlhoko, le mo go Dagone modimo wa rona.” 8Ke gone ba roma ba phuthela barena botlhe ba Bafilisitia kwa go bone ba re: “Ana re tlaa dirang ka letlole la Modimo wa Iseraele?” Ba fetola, ba re: “A letlole la Modimo wa Iseraele le isiwe kwa Gathe.” Mme ba isa letlole la Modimo wa Iseraele gone. 9E rile ba sena go le dikolosa, letsogo la ga Jehofa la tlhabana le motse ka tseakanyo e kgolo; a itaya banna ba motse, bannye le bagolo, ba duwa ke ditlhagala. 10Jalo ba isa letlole la Modimo kwa Ekerone. Ga dirala ya re letlole la Modimo le tla mo Ekerone, Baekerone ba goeletsa ba re: “Ba lerile letlole la Modimo wa Iseraele mo go rona go re bolaya le batho ba rona.” 11Ke gone ba roma ba ya go phutha barena botlhe ba Bafilisitia, ba re: “A letlole la Modimo wa Iseraele le tsamaye, le boele kwa ga lone, gore le tle le se ka la re bolaya le batho ba rona;” gonne go ne go le tseakanyo ya loso go ya le motse otlhe fela; letsogo la ga Jehofa le ne le le boima thata gone. 12Banna ba ba se kang ba swa ba itewa ka ditlhagala tseo; mme go gala ga motse ga tlhatlogela legodimong.

Currently Selected:

1 SAMUELE 5: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy