YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 27

27
1Se ipoke ka tsa letsatsi la kamoso; gonne ga o itse tse letsatsi le tla di tlisang.
2A yo mongwe a go tumise, e seng molomo wa gago; o sele, e seng loleme lwa gago!
3Lefika le makete, motlhaba ke morwalo, mme go ngadisiwa ke lesilo go makete go di gaisa ka bobedi jwa tsona.
4Kgalefo e setlhogo, bogale bo a bela, mme lefufa lone le ka kgonwa ke mang?
5Kgalemelo ponatshegong e phala lorato lo lo fitlhegileng. 6Dintho tse di ntshitsweng ke morati di a ikanyega, mme dikatlo tsa motlhoi di a aketsa.
7Yo o kgotsheng o gataka mafura a dinotshe, mme tsotlhe tse di galakang di monate mo go yo o tlala.
8Monna yo o thobileng mo gae, a kgarakgatshega, o tshwana le nonyane e e kobilweng mo sentlhageng sa yona.
9Lookwane le maswalo di thabisa pelo; monate wa tsala ya motho ke kgakololo ya pelo ya gagwe.
10Se tlogele tsala ya gago le tsala ya ga rraago; se tsene mo ntlong ya ga morwa-rraago ka letsatsi la tatlhego ya gago. Moagammogo yo o gaufi o gaisa morwa-rraago yo o kgakala.
11Ngwanaka, tlhalefa o thabise pelo ya me gore ke tle ke itse go fetola yo o nkgobang.
12E a re letlhale le bona dikotsi, le iphitlhe; mme ba ba sa tlhalefang ba fetele pele, ba wele tatlhegong.
13Mo amoge kobo, gonne o ipofile go lefela yo mongwe; tsaya peeletso mo go ene ka ntlha ya baeng.
14Yo o tshegofatsang mongwe-ka-ene ka lentswe le legolo mo mosong phakela o tla belaelwa gore o a rogaka.
15Thulelo e e rothang ka letsatsi la pula e tshwana le mosadi yo o tlholang a omanye. 16Yo o ka mo thibelang a ka thibela phefo le go tshwara lookwane ka seatla se se jang.
17Tshipi e loodiwa ka tshipi; motho le ene o betlwa ke yo mongwe.
18Yo o tlhokomelang setlhare sa feie o tla ja maungo a sona; yo o direlang morena wa gagwe o tla tlotlwa.
19Sefatlhego se ipona mo metsing; pelo ya motho e ipona jalo ka ya yo mongwe.
20Ga go kgore felo ga baswi le ga tatlhego; matlho a batho le ona ga a kgore.
21Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e gakolosang le gouta mo leisong le monna ka melomo ya ba ba mmokang.
22Le fa o ka tlhobola seeleele mmogo le mabele mo kikeng ka motshe, ga se kitla se tlogela boeleele jwa sona.
23Ela dinku tsa gago tlhoko thata gore di phela jang; o tsee matlhape tsia; 24gonne khumo ga se ya bosakhutleng; a kampo serwalo sa bogosi ke sa ditshika tsotlhe? 25E tla re fa bojang bo segilwe, fa go bonala botala jo bonana, fa merogo ya dithaba e phuthilwe, 26o bo o na le dikwana tse di go apesang; o ka reka tshimo ka diphelehu. 27Mašwi a dipodi a tla bo a lekanye go go jesa le ba lapa la gago le go phedisa malata a gago.

Currently Selected:

DIANE 27: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in