YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 26

26
1Tlotlo e rona lesilo jaaka semathana se rona mo selemong le jaaka pula e rona mo kotulong.
2Thogako e e se nang lebaka ga e kitla e dirafala; e tshwana le thaga e e timelang le peolwane e e fofang e tloga.
3Seme se lebanye pitse le mogala esele, le thupa metlhana ya dieleele.
4Se arabe lesilo ka fa bosilong jwa lone, e se re gongwe le wena wa tshwana nalo.
5Mme fetola lesilo tse di tshwanetseng bosilo jwa lone gore le se ka la itshema letlhale.
6Yo o romelang mafoko ka lesilo o ikgaola maoto, o a siamololelwa.
7Seane mo melomong ya masilo se tshwana le maoto a segole a a repileng.
8Yo o tlotlang lesilo o tshwana le yo o bofelelang letlapa mo go seragamajwe.
9Seane melomong ya masilo ke letlhaku la mitlwa mo seatleng sa letagwa.
10Yo o rapang lesilo le bafeti ke mohudi yo o ntshang botlhe dintho.
11Lesilo le le boelelang bosilo jwa lone le tshwana le ntšwa e e boelang go ja matlhatsa a yona.
12Fa o bona monna yo o ikayang botlhale, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene.
13Setshwakga se a re: “Ledumedi le mo tseleng; tau e mo dipatlelong.”
14Motlapa o fetoga mo bolaong jwa ona jaaka setswalo se akgega mo mapegong a sona.
15Motlapa o tsenya seatla sa ona mo mogopong; mme go se isa kwa molomong go a o palela.
16Sebodu se itshema letlhale bogolo go banna ba supa ba ba itseng go araba sentle.
17Yo o itsenyang mo ntweng e e seng ya gagwe o tshwara ntšwa e e fetang ka ditsebe.
18Setsenwa se hula dirumola le metswi e e bolayang. 19Monna yo o tsietsang mongwe-ka-ene o ipata ka go re: “Kana ke tshameka fela,” o tshwana naso.
20Molelo o a tima, fa dikgong di fedile; phapaang e a khutla, fa go se na molotlhanyi.
21Monna wa phapaang o tsosa ntwa jaaka moubo o tukisa magala le dikgong di tukisa molelo.
22Mafoko a yo o senyang leina a tshwana le dijo tse di monate tse di fologelang kwa teng ga mala ka borethe.
23Fa molomo o tuka lorato, mme pelo e ntse e le mpe, ke lobeana fela lo lo manegilweng manyela a selefera.
24Motlhoi o itira morati ka molomo wa gagwe, mme o na le tsietso ka kwa teng. 25Fa a utlwatsa lentswe la lorato, se mo ikanye; gonne o na le bosupa jwa makgapha mo pelong ya gagwe. 26Le fa letlhoo le ka iphitlha ka tsietso, bosula jwa lone bo tla bonala mo phuthegong.
27Yo o epang lemena o tla wela mo go lone; yo o kgokolosang lefika o tla bolawa ke lone.
28Molomo wa maaka o tlhoa ba o ba pšhwetlileng; loleme lo lo borethe lo isa mo tatlhegong.

Currently Selected:

DIANE 26: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in