YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 25

25
Diane tse dingwe tsa ga Salomo
1Diane tse di latelang fa le tsona ke tsa ga Salomo; di kgobokantswe ke banna ba ga Hesekia kgosi ya Juta.
2Ke tlotlo ya Modimo go loba mafoko; ke tlotlo ya dikgosi go tlhotlhomisa mafoko go a senola.
3Bogodimo jwa legodimo le boteng jwa lefatshe le dipelo tsa dikgosi ga di ka ke tsa tlhotlhomisiwa.
4Fa manyela a okolwa mo selefereng, sebopiwa sa mogakolosi se tla tswa sentle: 5A moikepi a tlosiwe jalo fa pele ga kgosi; foo sedulo sa bogosi sa yona se tla tlhomamisiwa ka tshiamo.
6Se ipoke fa pele ga kgosi; se eme mo maemong a ba bagolo! 7Gonne go bolelelwa go twe: “Tlhatlogela kwano!” go phala go kokobediwa fa pele ga motlotlegi yo ò mmonang ka matlho a gago.
8Ò se ka wa potlaka go ya go seka, e se re gongwe morago ga moo wa tlhoka go itse se ò ka se dirang, fa mongwe-ka-wena a go tlhabisa ditlhong.
9Seka kgang ya gago le mongwe-ka-wena, mme ò se ka wa senola sephiri sa yo mongwe, 10e se re gongwe ba ba utlwang jalo ba go kgoba, mme nyatsego ya gago ya se ka ya khutla.
11Lefoko le le buiwang ka nako ya lone le tshwana le dinamune tsa gouta tse di mo megopong ya selefera.
12Mokgalemi yo o botlhale mo tsebeng ya yo o utlwang ke lenyena la gouta le mokgabo wa gouta e e sa pekwang.
13Morongwi yo o ikanyegang o tshwana le maruru a semathana mo bolelong jwa kotulo mo go ba ba mo romileng; gonne o lapolosa mowa wa morena wa gagwe.
14Monna yo o ipokang ka dineo, mme a sa di ntshe, o tshwana le maru le phefo tse di sa neseng pula.
15Kgosi e e bogale e kgonwa ka bopelotelele; loleme lo lo bonolo lo roba marapo.
16Fa ò bonye mafura a dinotshe, ò je a a go lekanyeng fela, e se re gongwe a go tena, mme wa a tlhatsa. 17Ò se ka wa ya gantsi kwa ntlong ya mongwe-ka-wena, e se re gongwe wa mo tena, mme a go tlhoa.
18Monna yo o supang maaka ka ga mongwe-ka-ene ke molamu le tšhaka le motswi o o bogale.
19Go ikanya molotsana ka letsatsi la tlalelo ke go ikanya leino le le bodileng le lekoto le le relelang.
20Go opelela yo o pelo-e-botlhoko difela go tshwana le go apola diaparo ka letsatsi le le maruru le go tshela se se botlhoko mo dinthong.
21Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fe dijo; fa a nyorilwe, mo nose metsi. 22Gonne o tla bo o tlhatlaganya magala mo tlhogong ya gagwe, mme Morena o tla go duela.
23Phefo ya bokone e tlisa pula; loleme lo lo sebang lo ngadisa difatlhego.
24Go nna mo sekhutlong mo godimo ga ntlo go phala go nna mo ntlong mmogo le mosadi yo o omanang.
25Mafoko a a molemo a a tswang mo lefatsheng le le kgakala ke metsi a a maruru mo go yo o nyorilweng.
26Mosiami yo o fenngwang ke moikepi ke motswedi o o gatakilweng, ke sediba se se kgoberegileng.
27Go ja mafura a dinotshe thata ga go molemo; go tlhotlhomisa tse di thata go isa mo bothateng.
28Monna yo o sa itseng go itshwara ke motse o o phuntsweng lobota.

Currently Selected:

DIANE 25: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in