YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 28

28
1Baikepi ba a tshaba, le fa go se na ope yo o ba lateletseng, mme basiami ba pelokgale jaaka tawana.
2Dikgosi tsa morafe di latelana ka pele ka ntlha ya maleo a ona, mme tshiamo e tlhomama ka batho ba ba nang le tlhaloganyo le kitso.
3Monna yo e leng tlhogo, yo o gatelelang ba babotlana, o tshwana le pula e e gogolang fela e e sa tsiseng dijo.
4Ba ba tlogelang molao ba boka baikepi, mme ba ba tshegetsang molao ba a ba galefela.
5Batho ba ba bosula ga ba tlhaloganye tshiamo, mme ba ba batlang Morena ba tlhaloganya tsotlhe.
6Mohumanegi yo o sepelang ka poifo-Modimo o molemo bogolo go mohumi yo o sokameng, ka a le tsela-pedi.
7Yo o tshegetsang molao ke ngwana yo o tlhalefileng, mme yo o tsalanang le difafalele o tlhabisa rraagwe ditlhong.
8Yo o kokotletsang di-tsa-gagwe ka tsadiso ya madi gongwe ka kgwebo o phuthela yo o tla tlhomogelang batlhoki pelo.
9Yo o ithibang ditsebe gore a se ka a utlwa molao, thapelo ya gagwe le yona ke maila.
10Yo o faposetsang ba nnete kwa tseleng e e bosula o tla wela mo lemeneng la gagwe ka esi, mme ba ba tletseng tumelo ba tla ja boswa jwa tse di molemo.
11Monna yo o humileng o itshema letlhale; mme modidi yo o nang le tlhaloganyo o a mo lemoga.
12Fa basiami ba duduetsa, ke kgalalelo e kgolo; mme fa baikepi ba tsoga, batho ba iphitlha.
13Yo o lobang maleo a gagwe ga a kitla a kgona sepe; mme yo o a ipobolang, a a bakela, o tla tlhomogelwa pelo.
14Go sego motho yo o boifang Modimo ka gale, mme yo o thatafatsang pelo ya gagwe o tla wela mo tatlhegong.
15Moikepi yo o busang batho ba babotlana ke tau e e bôpang le bere e e tsomang.
16Molaodi yo o tlhokang tlhaloganyo ke mogateledi yo mogolo, mme yo o ilang kgwebo ya tshiamololo o tla phela ka boleele.
17Motho yo o imelwang ke molato wa go bolaya motho o tla nna motshabi go fitlha lebitleng; se mo thuseng.
18Yo o sepelang ka poifo-Modimo o tla phologa, mme yo o sokameng, a le tsela-pedi o tla wela mo gopong.
19Yo o lemang tshimo ya gagwe o tla kgora bogobe, mme yo o latelang tse di se nang mosola o tla bona khumanego fela.
20Monna yo o ikanyegang o tla bona ditshegofatso tse dikgolo, mme yo o potlakelang go huma ga a nke a tlhoka kotlo.
21Go gobelelela motho ga go a siama. Monna o ka tlogela tshiamo le ka ntlha ya thathana ya bogobe fela.
22Monna wa leitlho la lefufa o potlakela go huma, mme ga a itse gore lehuma le tla mo wela.
23Yo o kgalemelelang motho boleo o tla ratwa morago bogolo go motho wa loleme lo lo borethe.
24Yo o thukhuthang rraagwe gongwe mmaagwe, mme a re: “Ga se boleo!” ke ene molekane wa mosenyi.
25Yo o pelotshetlha o tsosa dintwa, mme yo o ikanyang Morena o tla lapolosiwa.
26Yo o ikanyang tlhaloganyo ya gagwe ke seeleele, mme yo o sepelang ka botlhale o tla phologa.
27Yo o abelang mohumanegi ga a kitla a tlhoka sepe, mme yo o ipipang matlho o tla rogakwa gantsi.
28Fa baikepi ba tsoga, batho ba a iphitlha; mme fa ba latlhega, basiami ba a ntsifala.

Currently Selected:

DIANE 28: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in