YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 22

22
1Leina le le molemo le phala khumo e kgolo; go ratwa go gaisa selefera le gouta.
2Mohumi le mohumanegi ba a phedisanya; Morena o ba dirile botlhe.
3E a re letlhale le bona dikotsi, le iphitlhe; mme ba ba sa tlhalefang ba fetele pele, ba wele tatlhegong.
4Tuelo ya boikokobetso le ya go boifa Morena ke khumo le tlotlo le bophelo.
5Mitlwa le diru di mo tseleng ya yo o sokameng; yo o bolokang bophelo jwa gagwe o a di katoga.
6Tlwaetsa mosimane tsamao e e mo tshwanetseng; foo ga a kitla a fapoga mo go yona, le fa a tsofetse.
7Mohumi o laola bahumanegi; moadingwi ke motlhanka wa moadimi.
8Yo o jwalang tshiamololo o tla roba tatlhego; thupa ya kgalefo ya gagwe e tla itaya ene.
9Yo o matlho-a-lorato o tla tshegofadiwa; gonne o nathetse ba ba tlhokang bogobe jwa gagwe.
10Leleka mosotli; foo dikgang di tla fela; go seka le go nyatsa go tla khutla.
11 Morena o rata yo o pelo e phepa; kgosi ke tsala ya yo o e kgatlhang ka puo.
12Matlho a Morena a boloka tse o di bonyeng, mme o tla diga mafoko a molotsana.
13Motlapa o a re: “Tau e ka fa ntle; nka bolawa mo dipatlelong.”
14Melomo ya basadi ba sele ke gopo e e boteng; yo Morena o mo galefetseng o tla wela mo go yona.
15Fa bosilo bo palelela mo pelong ya mosimane, thupa ya kotlo e tla bo ntsha mo go ene.
16Go gatelela yo mmotlana ke go mo humisa; go naya mohumi ke go mo tlhokisa fela.
Diane di masome a mararo
17Tlhwaya tsebe, o utlwe mafoko a matlhale, o ele kitso ya me tlhoko. 18Ee, go gontle, fa o a boloka mo maikutlong a gago; foo aotlhe a tla bo a bopetswe molomo wa gago. 19Ke ruta wena kajeno gore o tle o ikanye Morena ka wesi. 20Kana ke go kwaletse diane tse di nang le dikgakololo le kitso, 21go go ruta nnete le mafoko a a ikanyegang gore o tle o arabe yo o go botsang ka mafoko a boammaaruri.
22Se thukhuthe yo mmotlana, ka a le mmotlana; le gona se gatelele mmogisegi mo lekgotleng. 23Gonne Morena o tla ba emela mo tshekong, mme bathukhuthi ba bone o tla ba thukhutha bophelo.
24Se tsalane le yo o mabifi; se kopane le monna yo o pelo-khutshwane, 25e se re gongwe wa tlwaela mekgwa ya gagwe, wa thaela bophelo jwa gago seru.
26Se nne le ba ba ikanang ka letsogo, ba ba ipofang go emela melato ya ba bangwe. 27Kana fa o palelwa ke go lefa, bolao jwa gago bo tla tsewa ka fa tlase ga gago.
28Se sutise molelwane wa bogologolo o borraago ba o segileng.
29Fa o bona monna e le setswerere mo tirong ya gagwe, ene o ka direla dikgosi; ga se yo o ka direlang ba e leng batho fela.

Currently Selected:

DIANE 22: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in