YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 21

21
1Pelo ya kgosi e tshwana le mesele ya metsi mo diatleng tsa Morena; o e isa gongwe le gongwe kwa a ratang teng.
2Tsela nngwe le nngwe ya motho e tlhamaletse mo matlhong a gagwe, mme Morena ene o sekaseka dipelo.
3Go dira ka tshiamo le ka tshwanelo go kgatlha Morena bogolo go setlhabelo.
4Sefatlhego sa boikgodiso le pelo ya boikgantsho tse e leng go ikgatlha ga baikepi ke boleo fela.
5Dikakanyo tsa yo o tlhaga di tsweletsa pele; mme yo o potlakang o itlhokisa fela.
6Go batla mahumo ka loleme lwa maaka ke go latela boithamako jo bo isang losong.
7Go gatelela ga baikepi go a ba golafatsa, gonne ba gana go dira tse di siameng.
8Tsamao ya monna yo o molato e masokasoke, mme yo o phepa tiro ya gagwe e siame.
9Go nna mo sekhutlong godimo ga ntlo go phala go nna mo ntlong mmogo le mosadi yo o omanang.
10Pelo ya moikepi e eletsa bosula; ga a tlhomogele mongwe-ka-ene pelo.
11Go otla mosotli ke go tlhalefisa yo o iseng a tlhalefe; mme letlhale le amogela kitso, fa le rutwa fela.
12Yo o leng tshiamo o tlhokomela ntlo ya moikepi; o digela baikepi mo tatlhegong.
13Yo o thibang tsebe gore a se utlwe go goa ga yo mmotlana, le ene e tla re a goa, a se ke a utlwiwe.
14Mpho ya sephiri e tima bogale; thelesetso kobong e tima kgakalo e kgolo.
15Ke boitumelo jwa mosiami, fa go dirwa ka tshiamo; mme mo go ba ba dirang tsa bolotsana ke therego.
16Motho yo o fapogang mo tseleng ya tlhaloganyo o tla akofa a lala mo phuthegong ya baswi.
17Yo o ratang botlhapelwa o tla tlhoka; yo o ratang weine le setlolo ga a nke a huma.
18Serekololo sa mosiami ke moikepi; mo boemong jwa ba nnete go tla molotsana.
19Go botoka go nna mo lefatsheng la sekaka bogolo go go nna le mosadi yo o omanang yo o ngongoregang ka metlha.
20Khumo e ntlentle le lookwane di mo lapeng la yo o botlhale, mme motho yo o bosilo o a di senya.
21Yo o latelang tshiamo le lorato o tla bona bophelo le pholoso le tlotlego.
22Letlhale le fenya motse wa bagale; le diga phemelo e ba neng ba e ikanya.
23Yo o disang molomo wa gagwe le loleme lwa gagwe o iphemela gore a se tsene mo ditlalelong.
24Yo o ikgantshang, yo o ikgogomosang, leina la gagwe ke mosotli; o dira ka boikgantsho jo bo se nang tekanyo.
25Keletso ya setshwakga e a se bolaya gonne diatla tsa sona di gana go dira.
26Yo o pelotshetlha o eletsa letsatsi lotlhe, mme mosiami o a fa, ga a timane.
27Setlhabelo sa moikepi ke maila Moreneng; bogolo fa a se tlisa ka maano a a bosula.
28Mosupi wa maaka o tla latlhega; mme motho yo o utlwileng mafoko o tla bua tse di tlhomameng.
29Moikepi o sefatlhego se matepe, mme wa nnete o siamisa tsamao ya gagwe.
30Ga go na botlhale le e seng tlhaloganyo le e seng maano tse Morena a ka kgonwang ka tsona.
31Pitse e etleeleditswe letsatsi la tlhabano; mme phenyo yona e tswa mo Moreneng.

Currently Selected:

DIANE 21: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in