1
DIANE 21:21
Setswana 1970
Yo o latelang tshiamo le lorato o tla bona bophelo le pholoso le tlotlego.
Compare
Explore DIANE 21:21
2
DIANE 21:5
Dikakanyo tsa yo o tlhaga di tsweletsa pele; mme yo o potlakang o itlhokisa fela.
Explore DIANE 21:5
3
DIANE 21:23
Yo o disang molomo wa gagwe le loleme lwa gagwe o iphemela gore a se tsene mo ditlalelong.
Explore DIANE 21:23
4
DIANE 21:2
Tsela nngwe le nngwe ya motho e tlhamaletse mo matlhong a gagwe, mme MORENA ene o sekaseka dipelo.
Explore DIANE 21:2
5
DIANE 21:31
Pitse e etleeleditswe letsatsi la tlhabano; mme phenyo yona e tswa mo MORENENG.
Explore DIANE 21:31
6
DIANE 21:3
Go dira ka tshiamo le ka tshwanelo go kgatlha MORENA bogolo go setlhabelo.
Explore DIANE 21:3
7
DIANE 21:30
Ga go na botlhale le e seng tlhaloganyo le e seng maano tse MORENA a ka kgonwang ka tsona.
Explore DIANE 21:30
8
DIANE 21:13
Yo o thibang tsebe gore a se utlwe go goa ga yo mmotlana, le ene e tla re a goa, a se ke a utlwiwe.
Explore DIANE 21:13
Home
Bible
Plans
Videos