YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 23

23
1E re fa o nna fatshe go ja le mmusi, o gopole sentle yo o fa pele ga gago; 2o itshware setho, le fa o le tlalakgolo. 3Se eletse matlotlwa a a monate a gagwe; gonne ke dijo tse di tsietsang.
4Se tshwenyegele go huma; tlogela maano a teng. 5A o tla tlhoma matlho mo lehumong? Le tla tloga le nyelela! Gonne le itirela diphuka le fofela kwa legodimong jaaka lenong.
6Se je dijo tsa yo o lefufa; se eletse dijo tse di monate tsa gagwe. 7Gonne o ntse jaaka a akanya mo pelong. Ka molomo o go raya a re: “Jaa, o nwe!” mme pelo ya gagwe yona ga e ree jalo. 8Thathana e ò e jeleng ò tla e tlhatsa; mafoko a tebogo a gago ò tla bo ò a buetse lefela.
9Se bue mo tsebeng ya seleele, gonne se tla nyatsa botlhale jwa mafoko a gago.
10Se sutise molelwane wa bogologolo; se tseele masiela masimo a ona. 11Gonne moemedi wa ona o thata; ene o tla a emela kgatlhanong le wena.
12Neela pelo ya gago mo thutong le ditsebe tsa gago mo mafokong a kitso.
13Se tlhokise mosimane kotlo; fa o mo itaya ka thupa ga a kitla a a swa. 14Ka go mo itaya ka thupa o tla faposa bophelo jwa gagwe mo felong ga baswi.
15Morwaaka, fa pelo ya gago e tlhalefa, pelo ya me le yona e tla itumela. 16Maikutlo a me a tla ipela, fa molomo wa gago o bua tse di siameng.
17A pelo ya gago e se fufegele baleofi, mme a e tlhoafalele poifo-Morena ka metlha. 18Gonne fa ò e boloka, tswelelopele e tla nna teng; mme tsholofelo ya gago ga e kitla e nyelela.
19Wena morwaaka, reetsa ò tlhalefe! Tsamaisa pelo ya gago mo tseleng e e tlhamaletseng. 20Se nne le banwi ba bojalwa ba ba megagaru mo go jeng nama. 21Gonne monwi le moji ba tla humanega. Go se kgathale sepe go apesa motho dikata.
22Utlwa rraago yo o go tsetseng; se nyatse mmaago, fa a sena go tsofala.
23Reka boammaaruri, mme o se bo rekise; reka le botlhale le thuto le tlhaloganyo.
24Rraagwe mosiami o ipela thata; motsadi wa letlhale o a le itumelela.
25A go itumele rraago le mmaago; yo o go belegeng a a duduetse.
26Morwaaka, nneele pelo ya gago! A matlho a gago a kgatlhwe ke ditsela tsa me! 27Gonne seaka ke gopo e e boteng; mosadi wa seotswa ke sediba se se pitlaganyeng. 28Le gona o lalela batho jaaka senokwane; o atisa bolotsana mo bathong.
29Tatlhego ke ya ga mang? Tlalelo ke ya ga mang? Dintwa ke tsa ga mang? Selelo ke sa ga mang? Dintho tsa bomo ke tsa ga mang? Matlho a a leoto ke a ga mang? 30Ke tsa ba ba lalang kwa bojalweng; ke tsa ba ba tlang go utlwa dino tse di tagang. 31Se kgatlhwe ke bohibidu jwa weine, fa e phatsima mo senwelong! E nowa e le monate thata, 32mme morago e loma jaaka noga; e go jwela ka botlhole jaaka kake. 33Matlho a gago a tla bona dilo tse di seng gona; pelo ya gago e tla go buisa tse di sokameng. 34O tla nna jaaka e kete o robetse mo gare ga lewatle le jaaka yo o robetseng mo godimo ga pinagare ya mokoro. 35O re: “Ba ntiteile, ga ke a utlwa botlhoko; ba nkotlile, ga ke a lemoga. Ke tla tsoga leng ke tle ke e batle go nwa gape.”

Currently Selected:

DIANE 23: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in