YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 16

16
1Sa motho ke go ikakanya, mme loleme lo tla fiwa karabo ke Morena.
2Motho a re, ditsela tsotlhe tsa gagwe di itshekile, mme yo o tlhatlhobang mewa ke Morena.
3Neela Morena ditiro tsa gago, foo maikaelelo a gago a tla dirafala.
4 Morena o bopetse dilo tsotlhe maikaelelo a gagwe; ee, le moikepi o mmopetse letsatsi la tatlhego.
5Mongwe le mongwe yo o pelo e ikgodisang ke maila mo Moreneng; ruri, ga a kitla a tlhoka petso.
6Molato o bipiwa ka bopelotlhomogi le ka boammaaruri; motho o tila bosula ka go boifa Morena.
7Fa ditsela tsa monna di kgatlha Morena, le baba ba gagwe o tla ba agisanya nae.
8Leruonyana la tshiamo le phala le legolo la tshiamololo.
9Pelo ya motho e akanya tsela ya gagwe, mme Morena ke ene a tsamaisang dikgato tsa gagwe.
10Katlholo e mo molomong wa kgosi; a molomo wa yona o se ka wa atlhola ka boikanyologo!
11Seelo le selekanyetso tse di siameng ke tsa Morena; majwe otlhe a kgetsana a a supang bokete ke tiro ya gagwe.
12Go dira tsa boikepo ke maila dikgosing; gonne sedulo sa kgosi se tlhomamisiwa ka tshiamo.
13Melomo e e siameng e kgatlha dikgosi; di rata yo o bolelang tsa nnete.
14Kgalefo ya kgosi e tshwana le barongwi ba loso; monna yo o botlhale o tla e tima.
15Sefatlhego sa kgosi se se supang lorato se a phedisa; bopelontle jwa yona bo tshwana le leru la pula ya tlhakola-modula.
16Go huma botlhale go phala gouta jang ne! Go huma tlhaloganyo go gaisa selefera.
17Tsela e e katilweng ya batho ba nnete ke go tila bosula; yo o disang tsamao ya gagwe o boloka bophelo jwa gagwe.
18Boikgodiso bo latelwa ke tatlhego; mowa o o ikgantshang o etelela go wa pele.
19Go ikokobetsa le ba ba ikokobetsang go gaisa go abelana thopo le ba ba ikgodisang.
20Yo o elang Lefoko la Modimo tlhoko o tla bona tlhogonolo. Go sego yo o ikanyang Morena.
21Yo o pelo e botlhale o tla bidiwa motlhalefi; mafoko a a bonolo a tsweledisa thuto pele.
22Tlhaloganyo ke motswedi wa bophelo mo go mong wa yona; mme masilo a otlwa ka bosilo jwa ona.
23Pelo ya letlhale e ruta loleme lwa lone; le gona e godisa thuto mo molomong wa lone.
24Mafoko a a monate ke mafura a dinotshe, a natefela pelo, a alafa le marapo.
25Go na le tsela e e siameng mo matlhong a motho, mme bokhutlo jwa yona ke tsela ya loso.
26Tlala ya modiri e a mo dirisa, gonne molomo wa gagwe o a mo kgweetsa.
27Sekebeke se epela ba bangwe gopo ya tatlhego; e kete molelo o o fisang o mo molomong wa sona.
28Molotsana o lotlhanya batho; mosenya-leina o kgaoganya ditsala.
29Mosiamolodi o raela mongwe-ka-ene, o mo gogela mo tseleng e e seng molemo.
30Yo o budulatsang matlho go loga maano a bolotsana, a ba a moma molomo o setse a dirile bosula.
31Moriri o mmududu ke serwalo se sentlentle; se bonwa ka tsamao e e siameng.
32Yo o pelotelele o phala seganka; yo o itseng go itshwara o gaisa mothopi wa motse.
33Tengwa e kgotlokgodiwa mo pataneng ya seaparo, mme katlholo ya yona e tswa mo Moreneng.

Currently Selected:

DIANE 16: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in