YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 17

17
1Thathana e e se nang sešabo go le kagiso e phala ntlo e e tletseng dinama go lowa.
2Motlhanka yo o botlhale o tla laola ngwana yo o tlhabisang ditlhong, a ba a kgaogana boswa le bomorwa mongwagwe.
3Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e tlhaolosang le gouta mo leisong la moubo, mme Morena o leka dipelo jalo.
4Mosenyi o reetsa molomo o o tsietsang; moaki o utlwelela loleme lo lo bolotsana.
5Yo o sotlang mohumanegi o kgala Modiri wa gagwe; yo o itumelelang kotsi ya yo mongwe ga a nke a tlhoka petso.
6Serwalo sa tlotlo sa batsofe ke bana ba bana; bana ba tlotlega ka borraabo.
7Puo e e maatlametlo e rona lesilo; bogolo jang puo ya maaka e rona motlotlegi!
8Thelesetso ke taemane ya tlhogonolo mo matlhong a mong wa yona; le fa a ya kae, e ntse e mo tsweletsa pele.
9Yo o bipang boleo jwa yo mongwe o batla thatano; mme yo o tsosang kgang gape o kgaoganya ditsala.
10Kgalemelo e thusa motlhalefi go feta dipetso tse di lekgolo mo lesilong.
11Serukhutlhi se batla tse di bosula fela, mme se tla romelwa morongwi yo o setlhogo.
12Go kaone go kgatlhana le senonnori se se thukhuthilweng bana bogolo go go kgatlhana le lesilo le le mo bosilong jwa lone.
13Yo o duelang molemo ka bosula, tatlhego ga e nke e tlogela ntlo ya gagwe.
14Yo o simololang kgang o tshwana le yo o thibololang metsi; ka moo tlogela ntwa e ise e simologe.
15Yo o atlholang a re: “Moikepi o siame;” le yo o reng: “Mosiami o molato.” Ba tena Morena ka bobedi jwa bone.
16Ke ka ntlha ya eng, fa go le madi mo seatleng sa lesilo a a ka rekang botlhale? Mme kana ga le na tlhaloganyo.
17Tsala e nthata ka nako nngwe le nngwe; mme ke morwa-rre fela yo o ntsaletsweng sebaka sa tlalelo.
18Motho yo o se nang tlhaloganyo ke yo o ipofang ka seatla go lefela yo mongwe yo o emelang mongwe-ka-ene.
19Yo o ratang komano o rata boleo; yo o tlotlomatsang setswalo sa gagwe o batala thubego.
20Yo o pelo e sokameng ga a bone tlhogonolo epe; wa loleme lo lo bolotsana o tla wela mo kotsing.
21Yo o tsalang lesilo o na le tshwenyego; seeleele, rraaso ga a nke a itumela.
22Pelo e e thabileng e itse go fodisa, mme mowa o o imetsweng o omeletsa marapo.
23Moikepi o amogelela neo e e faposang sephiring go sokamisa ditselana tsa tshiamo.
24Yo o nang le tlhaloganyo o lebile botlhale, mme matlho a lesilo a lebile kwa bokhutlong jwa lefatshe.
25Mosimane yo o boeleele o ngadisa rraagwe le go utlwisa yo o mmelegeng botlhoko jo bo galakang.
26Go lefisa yo o siameng ga go molemo, mme go itaya batlotlegi ke bosula jo bo fetang joo.
27Yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso; le yo o mowa o iketlileng ke monna yo o nang le tlhaloganyo.
28Le lesilo, fa le didimala, le ka kaiwa letlhale; fa le moma molomo wa lone, ba ka re: “Le na le tlhaloganyo.”

Currently Selected:

DIANE 17: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in