YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 15

15
1Karabo e e bonolo e tima bogale, mme lefoko le le kgopisang le a galefisa.
2Diteme tsa matlhale di ntsha kitso sentle, mme melomo ya masilo e bilola boeleele fela.
3Matlho a Morena a mo mafelong aotlhe, a tlhola ba ba bosula le ba ba molemo.
4Bonolo jwa loleme ke setlhare sa bophelo; mme bolotsana jwa lone bo phatlola pelo.
5Lesilo le nyatsa kotlo ya rraalo, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o tla tlhalefa.
6Letlotlo le legolo le mo ntlong ya mosiami, mme di-tsa-moikepi di a senyega.
7Melomo ya matlhale e utlwatsa kitso, mme dipelo tsa masilo ga di na nnete.
8Ditlhabelo tsa baikepi ke maila Moreneng, mme thapelo ya batlhamaladi e a mo kgatlha.
9Tsamao ya moikepi ke maila Moreneng, mme o rata yo o latelelang tshiamo.
10Kotlo e e botlhoko e wela yo o tlogelang tsela; mme yo o ilang kgalemelo o tla swa.
11 Morena o bona felo ga baswi le ga tatlhego, mme o bona dipelo tsa batho bogolo go gona.
12Mosotli ga a rate yo o mo kgalemelang, le gona ga a etele matlhale.
13Pelo e e thabileng e ntlafatsa sefatlhego, mme mowa o imelwa ke botlhoko jwa pelo.
14Pelo ya motlhalefi e batla kitso, mme melomo ya masilo e rata boeleele.
15Malatsi aotlhe a mmogisegi a botlhoko, mme yo o pelo e thabileng o na le moletlo ka gale.
16Bobotlana jo bo nang le poifo-Modimo bo phala khumo e kgolo e e nang le letswalo.
17Go ja morogo re ratana go monate go phala kgomo e e nontshitsweng re tlhoanye.
18Monna yo o bogale o tsosa ntwa, mme yo o pelotelele o fedisa kgang.
19Tsela ya motlapa e tshwana le legora lwa mitlwa, mme tselana ya ba ba matlhagatlhaga e katilwe sentle.
20Ngwana yo o tlhalefileng o itumedisa rraagwe, mme motho wa lesilo o nyatsa mmaagwe.
21Boeleele ke boitumelo jwa yo o se nang tlhaloganyo, mme monna wa kelelelo o tlhamalalela pele fela.
22Maikaelelo a a pala, fa go se na kgakololano; fa bagakolodi ba le bantsi, a tla dirafala.
23Monna o itumelela karabo ya molomo wa gagwe; lefoko le le buiwang ka nako e e le lebanyeng le molemo jang!
24Tsela ya bophelo e tlhatlosetsa motlhalefi kwa godimo gore a fapoge felo ga baswi ka kwa tlase.
25 Morena o tla rutla ntlo ya baikgantshi, mme o tla tlhomamisa molelwane wa motlholagadi.
26Maano a yo o bosula ke maila mo Moreneng, mme mafoko a lorato a phepa mo go ene.
27Motho wa kgwebo ya tshiamololo o hudua ntlo ya gagwe, mme yo o ilang dineo tse di faposang o tla phela.
28Pelo ya mosiami e akanya dikarabo, mme melomo ya baikepi e bilola tse di bosula.
29 Morena o kgakala le baikepi, mme thapelo ya basiami o a e utlwa.
30Matlho a thabo a itumedisa pelo; kitsiso e e molemo e tiisa moko.
31Tsebe e e reetsang dikgalemelo tse di phedisang e rata go nna le matlhale.
32Yo o tlhokomologang dikotlo o nyatsa bophelo jwa gagwe, mme yo o utlwang kgalemelo o tla bona tlhaloganyo.
33Go boifa Morena ke yona thuto ya botlhale; boikokobetso bo etelela tlotlego pele.

Currently Selected:

DIANE 15: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in