YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 14

14
1Mma-botlhale o agile ntlo ya gagwe, mme mma-bosilo o e rutla ka diatla tsa gagwe.
2Yo o sepelang mo tshiamong ya gagwe o boifa Morena, mme yo o fapogileng tsela o a mo nyatsa.
3Thupa ya moikgantshi ke molomo wa gagwe, mme melomo ya matlhale e disa beng ba yona.
4Fa dipholo di se teng, mogopo o lolea; mme kotulo e kgolo e bonwa ka thata ya dipholo.
5Mosupi yo o ikanyegang ga a ake, mme mosupi wa tsietso o bua maaka fela.
6Mosotli o batla botlhale, mme ga a bo bone; wa kelelelo ene o bo bona ka botlhofo.
7Tlogela monna wa lesilo; gonne o tlhokile molomo wa kitso mo go ene.
8Botlhale jwa yo o tlhalefileng ke go disa tsamao ya gagwe, mme bosilo jwa dieleele ke tsietsego fela.
9Masilo a sotlwa ke setlhabelo-sa-molato, mme ba nnete ba natefela Modimo.
10Pelo e itse botlhoko jwa yona, fela jaaka yo mongwe a sa itse boitumelo jwa yona.
11Matlo a baikepi a tla senngwa, mme lelapa la ba nnete le tla kgaba.
12Go na le ditsela tse motho a reng di siame, mme la bofelo ke ditsela tsa loso.
13Pelo e ka nna botlhoko, le fa molomo o tshega, mme bokhutlo jwa boitumelo ya nna selelo.
14Yo o pelo e tenegileng o tla bolawa ke ditsela tsa gagwe; mme monna yo o molemo o tla ja monate wa ditiro tsa gagwe.
15Yo o sa tlhalefang ke madumela-gotlhe, mme letlhale le ela dikgato tsa lone tlhoko.
16Letlhale le a boifa le tila bosula, mme lesilo le itaola fela le sa boife sepe.
17Yo o galefang ka pele o tla dira tsa bosilo, le yo o bolotsana mo maanong o ipiletsa letlhoo.
18Boswa jwa ba ba sa tlhalefang ke bosilo, mme ba ba botlhale ba ikgabisitse ka kitso.
19Ba ba bosula a ba iname fa pele ga ba ba molemo le baikepi mo dikgorong tsa mosiami.
20Mohumanegi o tlhoiwa le ke wa ga gabo, mme mohumi o ratwa ke ba bantsi.
21Yo o nyatsang mongwe-ka-ene o a leofa, mme go tlhogonolo yo o tlhomogelang babogisegi pelo.
22A ga ba timele ba ba logang maano a a bosula? Mme lorato le boammaaruri ke tsa ba ba akanyang molemo.
23Go tswelelwa pele ka tiro yotlhe e e lapisang, mme go buabua ka molomo fela go a tlhokisa.
24Serwalo sa batlhalefi ke khumo ya bone, mme bosilo jwa dieleele e ntse e le bosilo fela.
25Mosupi wa nnete o pholosa maphelo, mme yo o buang maaka ke moeki.
26Tshireletso e e tiileng ke ya yo o boifang Morena; le bana ba gagwe ba tla nna le botshabelo.
27Go boifa Morena ke motswedi wa bophelo gore motho a falole mo dirung tsa loso.
28Bontsi jwa morafe ke yona kgalalelo ya kgosi, mme fa go fokotsega batho ke therego ya kgosana.
29Yo o pelotelele o na le tlhaloganyo e kgolo; mme yo o felang pelo o dira dilo tsa bosilo jo bogolo.
30Pelo e e iketlileng e phedisa mmele sentle, mme lefufa ke go tlhotlhona ga marapo.
31Yo o gatelelang ba babotlana o kgala Mmopi wa bone, mme yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o a mo tlotla.
32Moikepi o digwa ke bosula jwa gagwe, mme mosiami o na le botshabelo motlha a swang.
33Botlhale bo iketlile mo pelong ya motlhalefi, mme tse di mo pelong tsa masilo di utlwala ka makgakga.
34Tshiamo e godisa setšhaba, mme boleo ke ditlhong tsa merafe.
35Motlhanka yo o botlhale o kgatlha kgosi, mme e tla galefela yo o tlhabisang ditlhong.

Currently Selected:

DIANE 14: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy