YouVersion Logo
Search Icon

DIANE 13

13
1Ngwana yo o botlhale o laiwa ke rraagwe, mme mosotli ga a rate kgalemelo.
2Motho o tla ja tse di monate tsa leungo la molomo wa gagwe, mme balotsana ba eletsa kgatelelo fela.
3Yo o disang molomo wa gagwe o ipolokela bophelo; mmalabadi o tla wela theregong.
4Motlapa o eletsa tse dintsi, mme ga a bone sepe; tse batlhoafadi ba di eletsang ba di bona ka botlalo.
5Mosiami o tlhoa puo ya maaka, mme moikepi o nyefola ba bangwe, a itlhabisa ditlhong.
6Tshiamo e boloka wa tsamao e e molemo, mme boleo bo diga baikepi.
7Go na le yo o ipayang mohumi, le fa a se na sepe, le yo o ipayang mohumanegi, le fa a na le leruo le legolo.
8Serekololo sa bophelo jwa motho ke khumo ya gagwe; mme motlhoki ga a utlwe go bôpêlwa.
9Lesedi la mosiami le tuka sentle, mme dipone tsa baikepi di tla tima.
10Ka boikgodiso go tsosiwa kgang fela, mme ba ba amogelang kgakololo ba botlhale.
11Leruo le le bonwang ka boithamako le tla ngotlega, mme yo o le kgobokanyang ka tiro ya diatla o tla le ntsifatsa.
12Tsholofelo e e diegang e lwatsa pelo, mme keletso e e dirafetseng ke setlhare sa bophelo.
13Yo o nyatsang lefoko la Modimo, dipetso tsa lone di tla mo wela, mme yo o boifang taolo o tla fiwa tuelo.
14Thuto ya letlhale ke motswedi wa bophelo gore motho a falole mo dirung tsa loso.
15Kelelelo e e molemo e a kgatlhisa, mme tsela ya balotsana e ba isa mo tatlhegong.
16Motlhalefi o dira tsotlhe ka kitso, mme seeleele se phatlalatsa bosilo.
17Morongwi wa boikepo o tlhokisa boikhutso, mme morongwi yo o ikanyegang o tlisa namatshego.
18Khumanego le nyatsego ke tsa yo o nyatsang thuto, mme yo o tlhokomelang kgalemelo o tla tlotlega.
19Keletso e e dirafetseng e monate mo pelong mme go tshaba bosula go tena masilo.
20Kopana le matlhale gore o tlhalefe; mme yo o tlwaelanang le masilo o tla nna bosula.
21Tatlhego e latelela baleofi, mme Modimo o duela basiami ka tse di molemo.
22Yo o molemo o tlogelela bana ba bana boswa, mme dithoto tsa moleofi di bolokelwa mosiami.
23Tshimo e badidi ba e kgathileng e ntsha dijo tse dintsi; mme go na le ba ba latlhegang ka tshiamololo.
24Yo o rekegelang thupa o tlhoile morwawe; yo o mo ratang o a tle a mo otle.
25Mosiami o a ja a ba a kgore mme dimpa tsa baikepi di tla tlhoka di nna logaba.

Currently Selected:

DIANE 13: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy