YouVersion Logo
Search Icon

HAKAI 1

1
Kaelo e e reng: Tsosang Tempele
1E rile ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, mo kgweding ya borataro, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, Lefoko la Morena la tla kwa go Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, ka moporofeti Hakai, la re:
2 Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Morafe o ke ba ba reng: ‘Sebaka ga se ise se tle, sebaka sa go tsosa Ntlo ya Morena.’ ” 3Mme Lefoko la Morena la tla ka moporofeti Hakai, la re: 4“A ke sebaka mo go lona go nna mo matlong a a kgabisitsweng ka dipati, mme Ntlo e, yona e ntse e le lesope fela?” 5Ke ka moo Morena wa masomosomo a buang jaana a re: “Akanyang tlhe tse di lo dirafaletseng: 6Lo jwetse thata, mme lwa kotula go le gonnye fela; lwa ja, mme lo sa kgore; lwa nwa, mme lo sa nyorologe; lwa apara, mme lo sa thuthafale; yo o neng a direlang tuelo a e tsenya mo kgetsaneng e e dutlang.” 7Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Akanyang tlhe tse di lo dirafaletseng! 8Palamang mo thabeng, lo tlise dikgong, lo age Tempele; foo go tla nkgatlha, mme ke tla galalediwa,” go bua Morena.
9“Lo ne lo solofetse go bona tse dintsi, mme bonang, ke tse dinnyane fela; lo ne lo di tlisitse mo gae, ka di budula. Ke ka ntlhaang?” go botsa Morena wa masomosomo. “Ke ka ntlha ya Ntlo ya me e e ntseng e thubakantswe, mme mongwe le mongwe wa lona o tlhokometse ntlo ya gagwe. 10Ke ka moo legodimo godimo ga lona le ganneng ka monyo, lefatshe la gana ka leungo la lone. 11Mme ke biditse komelelo, ka e tlisa mo lefatsheng le mo dithabeng le mo mabeleng le mo matuteng a moweine le mo lookwaneng le mo go tsotlhe tse lefatshe le di tlhogisang; le mo bathong le mo dikgomong le mo ditirong tsotlhe tsa diatla.”
Baiseraele ba utlwa taelo ya Morena
12Ke fa Serubabele, morwa Salathiele, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, le masalela otlhe a morafe, ba utlwa, ba dirisa lentswe la Morena, Modimo wa bone, le mafoko a moporofeti Hakai, ka fa Morena, Modimo wa bone, a mo romileng ka teng, mme morafe wa boifa Morena. 13Ke fa Hakai, morongwi wa Morena, a bua le morafe ka taelo ya Morena a re: “Ke na le lona, go bua Morena.” 14Mme Morena a tsosa mowa wa ga Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le mowa wa ga Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, le mewa ya masalela otlhe a morafe; ba tla ba dira tiro ya Ntlo ya Morena wa masomosomo, Modimo wa bone 15ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, ka kgwedi ya borataro, ka letsatsi la 24.

Currently Selected:

HAKAI 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy