YouVersion Logo
Search Icon

HAKAI 2

2
Tsholofetso ka ga kgalalelo ya Tempele e e agiwang
1Ka letsatsi la 21 la kgwedi ya bosupa, Lefoko la Morena la tla ka moporofeti Hakai la re: 2“A ko o ree Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, le masalela a morafe, o re: 3‘Go setse mang mo go lona yo o bonyeng Ntlo e mo kgalalelong ya yona ya pele? Mme lona, fa lo e bona, e ntse jang jaanong? A ga ke re, ga se ya sepe mo matlhong a lona? 4Mme jaanong, tia, wena Serubabele,’ go bua Morena, ‘o nne pelokgale, wena Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, lo gomotsege, morafe otlhe wa lefatshe,’ go bua Morena, ‘mme lo direng! Gonne ke na le lona,’ go bua Morena wa masomosomo. 5‘Kgolagano e ke e dirileng le lona, fa lo tswa kwa Egepeto, e tlhomame, le Mowa wa me o ntse o le mo gare ga lona; se boifeng!’ 6Gonne Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Morago ga sebakanyana ke tla roromisa legodimo le lefatshe le lewatle le naga. 7Le gona ke tla roromisa ditšhaba tse tsotlhe, mme mahumo a a eletsegang a ditšhaba tsotlhe a tla tla; ke tla tlatsa Ntlo e kgalalelo,’ go bua Morena wa masomosomo. 8‘Selefera ke ya me le gouta ke ya me,’ go bua Morena wa masomosomo. 9‘Kgalalelo ya Ntlo e mo metlheng e e tlang e tla nna e kgolo bogolo go ya ya pele,’ go bua Morena wa masomosomo; ‘mme ke tla aba kagiso mo felong fa,’ go bua Morena wa masomosomo.”
Moporofeti o rerisana le baperesiti
10E rile ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, ka kgwedi ya borobongwe, ka letsatsi la 24, Lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Hakai la re: 11Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘A ko o botse baperesiti gore molao o a reng: 12E ka re fa monna a tshotse nama e e boitshepo ka moja wa kobo ya gagwe, mme a ama senkgwe gongwe dijo tse di apeilweng gongwe weine gongwe lookwane gongwe dijo tse dingwe le tse dingwe ka moja wa kobo ya gagwe: A di ka itshepa?’ ”
Baperesiti ba araba ba re: “Nnyaya!”
13Hakai a boela a re: “Fa mongwe yo o itshekologileng ka setoto a ama dilo tse tsotlhe tse, a di ka itshekologa?”
Baperesiti ba araba ba re: “Ee, di ka itshekologa.”
14Ke fa Hakai a fetola a re: “ ‘Morafe o, o ntse jalo; setšhaba se, se ntse jalo fa pele ga me,’ go bua Morena; ‘ditiro tsotlhe tsa diatla tsa bone di ntse jalo, le tse ba di supelang fale – di itshekologile!
Morena o solofetsa Baiseraele tshegofatso
15“ ‘Elang tlhoko jaanong go tloga kajeno go ya kwa pele: E rile lentswe le ise le tlhatlaganngwe godimo ga le lengwe mo Tempeleng ya Morena, 16ya re mo sebakeng sele motho a tla kwa mokoeng wa mabele a dielo di le 20, a fitlhela di le some fela; motho a tla kwa segatelong, a re o ya go ga dikgamelo di le 50, a fitlhela di le 20 fela. 17Ke lo otlile ka phori le ka morodi le ka sefako go senya ditiro tsotlhe tsa diatla tsa lona, mme ga lo a ka lwa sokologela kwa go nna,’ go bua Morena. 18‘A ko lo tlhokomele go tloga ka letsatsi leno go ya kwa pele, go tloga ka letsatsi la 24 la kgwedi ya borobongwe; go tloga ka letsatsi le motheo wa Tempele ya Morena o theilweng ka lone: Elang tlhoko! 19A peo e sa ntse e le mo sefaleng? A setlhare sa moweine le sa feie le sa garanata le sa olefa a ga di kitla di ungwa? Kana go tloga ka letsatsi leno ke tla tshegofatsa!’ ”
Tsholofetso ya Morena e e lebileng Serubabele
20Mme Lefoko la Morena la tla kwa go Hakai la bobedi ka letsatsi la 24 la kgwedi la re: 21“Bua le Serubabele, molaodi wa Juta, o re: ‘Ke tla roromisa legodimo le lefatshe. 22Ke tla diga ditulo tsa magosi, ke nyeletsa thata ya magosi a ditšhaba, ke menola dikoloi le bapalami ba tsona, mme go tla wa dipitse le bapalami ba tsona, mongwe le mongwe ka tšhaka ya yo mongwe.’ 23Morena wa masomosomo a re: ‘Ka letsatsi leo ke tla go tsaya, wena Serubabele, morwa Salathiele, motlhanka wa me,’ go bua Morena, ‘ke go dira palamonwana ya sekano ya me; gonne ke go itlhophetse,’ go bua Morena wa masomosomo.”

Currently Selected:

HAKAI 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in