YouVersion Logo
Search Icon

SEFANYA 3

3
Katlholo e e lebileng Jerusalema le kgololo
1A tatlhego wee ya motse wa pheretlhego o o tletseng maswe, o o gatelelang! 2Ga o utlwe lentswe la ope, ga o amogele kgalemelo, ga o ikanye Morena, ga o atamele Modimo wa ona. 3Dikgosana tsa ona tse di mo teng ga ona ke ditau tse di dumang; baatlhodi ba ona ke diphiri tse di tlang ka lotlatlana, tse di sa ipeeleng sepe sa letsatsi la ka moso. 4Baporofeti ba ona ke difafalele fela; ke banna ba bolotsana; baperesiti ba ona ba itshepolotse Felo-fa-go-Boitshepo, ba sokamisa molao. 5Morena o siame mo teng ga ona, ga a dire tshiamololo. O ntshetsa tshiamo ya gagwe mo leseding mo mosong mongwe le mongwe, e sa tlhokafale, mme mosiamolodi ga a itse ditlhong.
6“Ke nyeleditse ditšhaba, dikago tsa tsone tsa phemelo di sentswe; ka dira mekgwatha ya tsona mafelo a bodutu fa go sa tsamaeng ope; metse ya tsona e fetotswe matlotla a a se nang ope, a a se nang monni. 7Ke buile ka re: ‘Ruri, o tla mpoifa, o amogela kgalemelo, matlho a ona a sa timelelwe ke tsotlhe tse ke di o laetseng’ – mme ruri, ba tlhoafaletse go senya ditiro tsotlhe tsa bone.”
8 Morena a re: “Ka ntlha ya moo nteteng go fitlha letsatsing le ke tla tsogelang thopo ka lone; gonne katlholo ya me ke go phutha ditšhaba gore ke kgobokanye magosi go goromeletsa kgalefo ya me mo go tsona le bogale jwa me jotlhe jo bo tukang; gonne lefatshe lotlhe le tla jewa ke molelo wa lefufa la me.
9“Gonne foo ke tla naya merafe melomo e e itshekileng gore ba bitse leina la Morena botlhe, ba mo direle ka go goga mmogo. 10Barapedi ba phuthego ya me e e phatlaletseng ba tla ntlisetsa tshupelo, ba tswa kwa moseja ga dinoka tsa Ethiopia. 11Ka letsatsi leo ga o nke o tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa gago tse o nteofetseng ka tsona; gonne foo ke tla bo ke tlositse ba ga eno ba ba duduetsang ka boikgantsho mo go wena gore o se ka wa tlhola o ikgodisa mo thabeng e e boitshepo ya me. 12Ke tla sadisa morafe o o patikegileng, o o tlhomolang pelo mo go wena; bone ba tla ikanya leina la Morena. 13Masalela a Iseraele ga a nke a dira tshiamololo le e seng go bua maaka; loleme lo lo tsietsang ga lo nke lo fitlhelwa mo melomong ya bone; ee, bone ba tla ja ba robala, go se yo a ba tshosang.”
Sefela sa boitumelo
14Ipele, morwadia Sione,
opang mokgosi, lona Baiseraele;
itumele o duduetse
ka pelo yotlhe,
morwadia Jerusalema!
15 Morena o tlositse
dipetso tsa gago,
a leleka mmaba wa gago;
kgosi ya Iseraele,
e leng Morena, o na nao;
ga o nke o tlhola o bona bosula
bope.
16Ka letsatsi leo
go tla tewa Jerusalema go twe:
“Se boife! Sione,
a diatla tsa gago
di se ka tsa repa!
17 Morena, Modimo wa gago,
o na nao,
ke seganka se se pholosang;
o tla go thabela ka boitumelo,
a ritibala mo loratong lwa gagwe;
o tla go tlhabela mokgosi
wa tuduetso.”
18“Ke tla phutha
ba ba hutsafetseng,
ka ba le kgakala le moletlo;
gonne ke ba ga eno;
ba rwala morwalo wa nyatsego
o o bokete.
19Bonang, botlhe
ba ba go bogisang
ke tla ba otla ka sebaka seo;
ke tla thusa ba ba tlhotsang,
ke phutha ba ba lelekilweng,
ke ba dira ba ba tlotlwang,
ke tumisa leina la bone
mo lefatsheng lengwe le lengwe
le ba neng ba nyatsega
mo go lone.
20Ka sebaka seo ke tla lo tlisa,
ee, ka sebaka se
ke tla lo phuthang ka sona.
Gonne ke tla lo dira
tumiso le pako
mo merafeng yotlhe ya lefatshe,
fa ke busetsa batshwarwi ba lona
kwa gae
fa pele ga matlho a lona,”
go bua Morena.

Currently Selected:

SEFANYA 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy