YouVersion Logo
Search Icon

2 DIKGOSI 5

5
Naamane wa Mosiria o fodisiwa lepero
1Naamane molaodi wa mephato ya kgosi ya Siria e ne e le monna yo mogolo fa pele ga mongwagwe, e le motlotlegi; gonne Morena o ne a neile Basiria phenyo ka ene. Mme monna yoo wa mogale o ne a bolawa ke lepero. 2Jaanong Basiria ba kile ba bolola ba le makoko, ba thopa mosetsana yo monnye mo lefatsheng la Iseraele; ene a nna lelata la mosadi wa ga Naamane. 3Mme a raya mohumagadi wa gagwe a re: “Ao! Fa mong wa me a ka bo a le kwa go moporofeti yo o kwa Samaria, foo ene o ka bo a tlosa lepero mo go ene.” 4Ke fa Naamane a tsena, a bolelela morena wa gagwe a re: “Mosetsana yo o tswang kwa lefatsheng la Iseraele o buile jaana le jaana.” 5Mme kgosi ya Siria ya re: “Tsamaya o ye teng, ke tla romela kgosi ya Iseraele lokwalo.” A tsamaya a tshotse ditalente di le some tsa selefera le dišekele di le 6 000 tsa gouta le diaparo di le some tsa mokgabo; 6a isa lokwalo loo kwa kgosing ya Iseraele lo lo reng: “Jaanong fa lokwalo lo, lo fitlha koo go wena, o itse gore ke romile Naamane motlhanka wa me koo go wena gore o tlose lepero mo go ene.”
7Ya re kgosi ya Iseraele e buisa lokwalo loo, ya ikgagola diaparo ya re: “A ke Modimo go ka bolaya le go ka phedisa, fa yoo a roma go nna gore ke golole monna mo leperong? Nnyaya! Lo ka lemoga, lwa bona fela gore o batla go lwa le nna.”
8Ya re Elisa monna wa Modimo a utlwa go twe: Kgosi ya Iseraele e ikgagotse diaparo! A roma kwa kgosing a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o ikgagotse diaparo? A a tle kwa go nna gore a itse, fa go na le moporofeti mo Iseraeleng.”
9Naamane a tla ka dipitse tsa gagwe le ka dikoloi tsa gagwe, a ema fa mojakong wa ga Elisa. 10Mme Elisa a roma morongwi a re: “Yaa o tlhape gasupa mo Joretane, foo mmele wa gago o tla go boela, mme o itsheka.” 11Ke fa Naamane a galefa a tsamaya a re: “Kana ke ne ka re: O tla tswa ka esi a ema, a bitsa leina la Morena, Modimo wa gagwe, a kgadikanya letsogo godimo ga felo fa go leng lepero, a tlosa lepero jalo. 12Dinoka tsa Damaseko tsa Abana le Farephare a ga di phale metsi aotlhe a Iseraele? A ga nka ke ka tlhapa mo go tsona ka itsheka?” Mme a hulara a tsamaya a ngadile.
13Mme batlhanka ba gagwe ba mo atamela, ba bua nae ba re: “Rra, fa moporofeti a ka bo a go laetse go dira se segolo, a o ka bo o sa se dire? Bogolo jang, ka a go laetse fela a re: ‘Tlhapa, mme o tla itsheka.’ ” 14Ke fa a fologa, a ikina gasupa mo Joretane ka fa lefokong la monna wa Modimo. Mme nama ya gagwe ya boa, ya tshwana le nama ya mosimanyana, a itsheka. 15Jaanong a boela kwa monneng wa Modimo ene le lesomo lotlhe la gagwe, a tla a ema fa pele ga gagwe a re: “A ko o bone, ke lemogile gore ga go na Modimo mo lefatsheng lotlhe fa e se mo Iseraeleng fela. Jaanong he, a ko o amogele mpho ya tebogo mo motlhankeng wa gago.”
16Mme Elisa a re: “Ka botshelo jwa Morena yo ke mo direlang! Ga ke ne ke e amogela.” Le fa a mo emelela go e tsaya, a gana. 17Ke fa Naamane a re: “Le fa go sa nna jalo, ka thapelo a motlhanka wa gago a fiwe mmu o o ka rwalwang ke meboulwe e le mebedi. Gonne motlhanka wa gago ga a kitla a tlhola a direla medimo e sele ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tse di jewang fa e se Morena fela. 18Fela a Morena a itshwarele motlhanka wa gago mo selong se fa ya re mong wa me a tsena mo ntlong ya ga Rimone go obamela gona, a ikaega ka letsogo la me, le nna ke ikobe mo ntlong ya ga Rimone, fa ene a obamela mo ntlong ya ga Rimone; a Morena a itshwarele motlhanka wa gago mo selong se.”
19A mo raya a re: “Tsamaya ka kagiso!” Mme ya re a sena go tloga sebaka mo go ene, 20Kehasi, modiredi wa ga Elisa monna wa Modimo a re: “Kana mong wa me o rekegetse Naamane wa Mosiria yoo, a sa amogela sepe mo seatleng sa gagwe sa tse o neng a di tlisitse. Ka botshelo jwa Morena! Ke tla taboga, ke mo latela, ke amogela sengwe mo go ene.” 21Mme Kehasi a latela Naemane ka potlako. Ya re Naamane a mmona a tla a mo sianetse, a fologa mo koloing, a mo kgatlhantsha a re: “A go siame koo?”
22A re: “Ee, go siame. Mong wa me o nthomile a re: ‘Bona, ke gona go tlang makau a le mabedi go nna a barutwa ba boporofeti, a tswa kwa dithabeng tsa Eferaime. A ko o ba nee talente e le nngwe ya selefera le diaparo di le pedi tsa mokgabo.’ ”
23Naamane a re: “Ka thapelo tsaya ditalente di le pedi.” Mme a mo emelela, a bofelela ditalente tse pedi mo dikgetseng di le pedi le diaparo tse pedi tsa mokgabo, a di neela badiredi ba le babedi ba gagwe, ba di mo rwalela. 24Jaanong ya re ba fitlha kwa thabaneng, a di tsaya mo diatleng tsa bone, a di boloka mo ntlong, a naya banna bao tsela, mme ba tsamaya. 25Mme ya re a sena go tsena le go ema fa pele fa mongwagwe, Elisa a mmotsa a re: “O tswa kae, Kehasi?” A re: “Motlhanka wa gago ga a tswe gope.”
26Mme Elisa a mo raya a re: “A pelo ya me e ne e se na nao, fa monna a retologa, a fologa mo koloing ya gagwe, a go kgatlhantsha? A ke nako ya go tsaya selefera le go tsaya diaparo le ditlhare tsa olefa le masimo a moweine le dinku le dikgomo le batlhanka le malata? 27Fela lepero la ga Naamane le tla ngaparela wena le ba losika lwa gago ka metlha yotlhe.” Ke fa a tloga fa pele ga gagwe, a tswa a sweufetse ka lepero jaaka semathana.

Currently Selected:

2 DIKGOSI 5: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy