1
2 DIKGOSI 5:1
Setswana 1970
Naamane molaodi wa mephato ya kgosi ya Siria e ne e le monna yo mogolo fa pele ga mongwagwe, e le motlotlegi; gonne MORENA o ne a neile Basiria phenyo ka ene. Mme monna yoo wa mogale o ne a bolawa ke lepero.
Compare
Explore 2 DIKGOSI 5:1
2
2 DIKGOSI 5:10
Mme Elisa a roma morongwi a re: “Yaa o tlhape gasupa mo Joretane, foo mmele wa gago o tla go boela, mme o itsheka.”
Explore 2 DIKGOSI 5:10
3
2 DIKGOSI 5:14
Ke fa a fologa, a ikina gasupa mo Joretane ka fa lefokong la monna wa Modimo. Mme nama ya gagwe ya boa, ya tshwana le nama ya mosimanyana, a itsheka.
Explore 2 DIKGOSI 5:14
4
2 DIKGOSI 5:11
Ke fa Naamane a galefa a tsamaya a re: “Kana ke ne ka re: O tla tswa ka esi a ema, a bitsa leina la MORENA, Modimo wa gagwe, a kgadikanya letsogo godimo ga felo fa go leng lepero, a tlosa lepero jalo.
Explore 2 DIKGOSI 5:11
5
2 DIKGOSI 5:13
Mme batlhanka ba gagwe ba mo atamela, ba bua nae ba re: “Rra, fa moporofeti a ka bo a go laetse go dira se segolo, a o ka bo o sa se dire? Bogolo jang, ka a go laetse fela a re: ‘Tlhapa, mme o tla itsheka.’ ”
Explore 2 DIKGOSI 5:13
6
2 DIKGOSI 5:3
Mme a raya mohumagadi wa gagwe a re: “Ao! Fa mong wa me a ka bo a le kwa go moporofeti yo o kwa Samaria, foo ene o ka bo a tlosa lepero mo go ene.”
Explore 2 DIKGOSI 5:3
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos