1
2 DIKGOSI 6:17
Setswana 1970
Elisa a ba a rapela a re: “MORENA, a ko o mmudulole matlho gore a bone.” MORENA a budulola matlho a modiredi, mme a bona a fitlhela thaba e tletse dipitse le dikoloi tsa ntwa tsa molelo mo tikologong ya ga Elisa.
Compare
Explore 2 DIKGOSI 6:17
2
2 DIKGOSI 6:16
A fetola a re: “Se boife! Gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta bale.”
Explore 2 DIKGOSI 6:16
3
2 DIKGOSI 6:15
Mme e rile modiredi wa monna wa Modimo a phakela a tsoga, a tswela kwa ntle, a fitlhela batlhabani ba dikanyeditse motse ka dipitse le dikoloi tsa ntwa. Jaanong modiredi wa gagwe a mo raya a re: “Ijoo, mong wa me, re tla dira jang?”
Explore 2 DIKGOSI 6:15
4
2 DIKGOSI 6:18
Jaanong ya re Basiria ba fologela kwa go ene, Elisa a rapela MORENA a re: “A ko o betse batho ba ka bofofu.” MORENA a ba betsa ka bofofu ka fa lefokong la ga Elisa.
Explore 2 DIKGOSI 6:18
5
2 DIKGOSI 6:6
Mme monna wa Modimo a re: “Se wetse kae?” Ya re a mmontsha felo fao, a kgaola thupa, a e latlhela gona, a kokobatsa tshipi jalo.
Explore 2 DIKGOSI 6:6
6
2 DIKGOSI 6:5
Mme ya re mongwe a rema setlhare ka selepe, sa wela mo metsing. A ba a goa a re: “Ijoo! Mong wa me, kana se adimilwe!”
Explore 2 DIKGOSI 6:5
7
2 DIKGOSI 6:7
A ba a re: “E inole.” A ntsha letsogo, a e tsaya.
Explore 2 DIKGOSI 6:7
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos