YouVersion Logo
Search Icon

2 DIKGOSI 4

4
Elisa o thusa motlholagadi yo o humanegileng
1Mosadi mongwe wa basadi ba barutwa ba boporofeti o kile a lela mo go Elisa a re: “Motlhanka wa gago, monna wa me, o sule, mme o a itse gore motlhanka wa gago o ne a boifa Morena. Jaanong motho yo go tserweng molato mo go ene o tlile a re, o tsaya bana ba babedi ba me go nna batlhanka ba gagwe.”
2Elisa a mmotsa a re: “Nka go direlang? Mpolelele se o nang naso mo ntlong.” Mosadi a araba a re: “Lelata la gago ga le na sepe mo ntlong fa e se kurwana ya lookwane fela.”
3Elisa a re: “Yaa o ikadimele dilo tse o ka tshelang mo go tsona ka kwa ntle mo go botlhe ba o agileng nabo, e bong dinkgo tse di se nang sepe di le dintsi. 4O be o ye kwa gae, o itswalele le bomorwao, o tshele mo dinkgong tseo tsotlhe. E e tlalang o e bee fa thoko.”
5Mosadi a tloga kwa go ene, a dira jalo; a itswalela le bomorwawe. Bone ba mo tlisetsa dinkgo, ene a nna a tshela. 6Ya re dinkgo di sena go tlala, mosadi a raya morwawe a re: “Ntlisetse nkgo gape.” A re: “Ga go tlhole go le nkgo.” Ke fa lookwane lo khutla go ela. 7Mosadi a tla a bolelela monna wa Modimo. Ene a re: “Yaa o rekise lookwane, o lefe molato wa gago; mme lo lo setseng o phele ka lone le bomorwao.”
Elisa le mosadi yo o humileng wa kwa Suneme
8E kile ya re letsatsi le lengwe Elisa a fetela kwa Suneme. Teng go ne go le mosadi wa mohumi; ene a mo laletsa thata gore a je dijo. Go tloga foo e ne ya re fa a feta teng, a fapogele gona go ja dijo. 9Mme mosadi yoo a raya monna wa gagwe a re: “A ko o bone, ke lemogile gore monna yo o ntseng a feta fa go rona ka metlha ke yo o boitshepo wa Modimo. 10A re ke re mo direle ntlwana ya dipota kwa godimo, re mmeele teng bolao le tafole le sedulo le setlhomo sa lobone, mme e tla re fa a tla go rona, a nne teng.”
11Jaanong ya re letsatsi le lengwe a tla teng a tlhatlogela kwa ntlwaneng e e kwa godimo, a robala teng. 12A ba a raya Kehasi modiredi wa gagwe a re: “Bitsa mosadi yoo wa Suneme.” A mmitsa, mme a tla a ema fa pele ga gagwe. 13Elisa a ba a laela Kehasi a re: “A ko o ree mosadi o re: ‘Kana o re babaletse ka pabalelo yotlhe e. Wena o ka direlwang? A o batla puelelo kwa kgosing gongwe kwa molaoding wa mephato?’ ” Mosadi a re: “Nnyaya, ke agile sentle mo gare ga morafe wa ga etsho.”
14Elisa a ba a botsa a re: “Mme mosadi o ka direlwang?” Kehasi a re: “Kana ga a na ngwana wa mosimane, mme monna wa gagwe o tsofetse.”
15Elisa a ba a re: “Mmitse!” Ya re a sena go mmitsa, mosadi a tla a ema fa mojako. 16Ke fa Elisa a re: “Isago ka nako e o tla bo o tlamparela ngwana wa mosimane.” Mme mosadi a re: “Nnyaya, mong wa me, monna wa Modimo, se aketse lelata la gago.”
17Mme mosadi a nna moimana, a tshola ngwana wa mosimane e le isago ka nako e Elisa o e mmoleletseng.
18E rile ngwana a sena go gola, letsatsi le lengwe a tswela kwa go rraagwe kwa barobing, 19a ba a raya rraagwe a re: “Tlhogo ya me! Tlhogo ya me!” Ene a laela modiredi a re: “Mo tsholetse, o mo ise kwa go mmaagwe.” 20A mo kuka, a mo isa kwa go mmaagwe, mme mmaagwe a mo fara go fitlha motshegare, a ba a swa. 21Ke fa mosadi a tlhatloga, a mmaya mo bolaong jwa monna wa Modimo, a mo tswalela, a tswela kwa ntle, 22a bitsa monna wa gagwe a re: “A ko o nthomele mongwe wa batlhanka le nngwe ya diesele tse dinamagadi gore ke akofe ke ye kwa monneng wa Modimo ke be ke boe.”
23Mme monna a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o ya kwa go ene kajeno, e se ka ngwedi o o rogilweng le e seng ka Sabata?” Mosadi a re: “Sala sentle!” 24Mosadi a ba a belesa esele e namagadi, a raya modiredi wa gagwe a re: “Kgweetsa o itlhaganele, re se ka ra diega mo tseleng go ya ke be ke go bolelele.” 25Mosadi a ya jalo, a fitlha kwa monneng wa Modimo kwa thabeng ya Karemele. Ya re monna wa Modimo a mmonela kgakalanyana, a raya Kehasi modiredi wa gagwe a re: “Bona, mosadi wa Suneme ke yole. 26Jaanong a ko o taboge go mo kgatlhantsha, o mmotse o re: ‘A o phela sentle? A monna wa gago o phela sentle? A ngwana o phela sentle?’ ” Mosadi a re: “Sentle!” 27Mme ya re mosadi a fitlha kwa monneng wa Modimo mo thabeng, a mo tshwara dinao. Ke fa Kehasi a atamela go mo koba. Mme monna wa Modimo a re: “Mo lese, gonne o pelo e botlhoko. Mme Morena o ntobetse, ga a ka a nkitsise.”
28Mosadi a re: “A ke kopile ngwana wa mosimane mo go mong wa me? A ga ke a ka ka re: ‘Se ntsholofetse tse e seng tsona’?”
29Mme Elisa a laela Kehasi a re: “Itlame letheka, o tsee thobane ya me ka seatla, o tsamae. Fa o kgatlhana le motho se mo dumedise; mme fa motho a go dumedisa, se mo arabe; o fete o bee thobane ya me mo sefatlhegong sa mosimane.”
30Mme mmaagwe mosimane a re: “Ka botshelo jwa Morena le ka botshelo jwa gago! Ga nkitla ke go tlogela.” Ke fa Elisa a nanoga, a mo sala morago. 31Mme Kehasi o ne a ba eteletse pele, a feta a baya thobane mo sefatlhegong sa mosimane, mme go se na tumo epe le e seng sesupo sepe sa bophelo. A ba a boa go mo kgatlhantsha, a mo itsise a re: “Mosimane ga a ka a thanya.”
32Ya re Elisa a tsena mo ntlong, a fitlhela mosimane a sule, a beilwe mo bolaong jwa gagwe. 33A ba a tsena, a itswalela le mosimane, a rapela Morena. 34A ba a palama, a patlama mo godimo ga ngwana, a lebaganya molomo le molomo wa gagwe le matlho le matlho a gagwe le diatla le diatla tsa gagwe, a patlama jalo mo go ene. Ke fa mmele wa mosimane o thuthafala. 35A ba a patlamologa, a tsamayatsamaya mo ntlong, a ya fale, a tla fano gangwe fela; a palama gape, a patlama mo go ene. Ke fa mosimane a ethimola gasupa a ba a budulola matlho. 36Jaanong Elisa a bitsa Kehasi a re: “Bitsa mosadi yoo wa Suneme.” A mmitsa, mme ya re mosadi a tla kwa go ene, Elisa a re: “Tsholetsa morwao.” 37Mosadi a tla, a wela fa dinaong tsa gagwe, a ikobela fa fatshe; a ba a kuka morwawe, a tswa.
Dikgakgamatso tse pedi gape
38Mme Elisa a boela kwa Gilegala go ntse go le tlala mo lefatsheng. Jaanong ya re barutwa ba boporofeti ba dutse fa pele ga gagwe, a laela modiredi wa gagwe a re: “Tlhatlega pitsa e kgolo, o apeele barutwa ba boporofeti dijo.” 39Mme mongwe a tswela kwa nageng go ga morogo; a bona mofuta wa morara, a kgetla magabala mo go ona, a tlatsa seaparo sa gagwe, a ba a tla gae, a a gabelela mo pitseng ya dijo; gonne o ne a sa a itse. 40A ba a tsholela banna bao gore ba je. Ya re ba leka dijo tse, ba goa ba re: “Monna wa Modimo, loso lo mo pitseng!” Ba palelwa ke go a ja. 41Ene a re: “Tlisang bupe!” A bo tshela mo pitseng a re: “Tsholela batho gore ba je.” Ke fa go sa utlwale sepe se se bolayang mo pitseng.
42Ga tlhaga monna a tswa kwa Baale-Salisa, a tlisetsa monna wa Modimo dinkgwe tsa mabutswapele, e bong dinkgwe tsa garase di le 20 le tsa letlhafula mo tlatleng ya gagwe. A ba a re: “Neela batho gore ba je.” 43Mme modiredi wa gagwe a re: “Nka di neela jang banna ba le lekgolo?” Mme Elisa a re: “Neela batho gore ba je. Gonne Morena o bua jaana a re: ‘Ba tla ja ba be ba sadisa.’ ” 44Jaanong a ba beela pele, mme ba ja, ba sadisa ka fa lefokong la Morena.

Currently Selected:

2 DIKGOSI 4: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy