YouVersion Logo
Search Icon

Baebele Ya BanaSample

Baebele Ya Bana

DAY 4 OF 7

Bogologolo, Modimo o ne a rometse moengele Gabareele kwa mosading yo o ne bediwa Maria. A mo bolelela gore, o tla nna le ngwana yo o tla mo bitsang Jesu. O tla busa gosafeleng.

Se se tla nna jaang? A kgakgamala mosadi, fa nna ke se ke bone monna ope. Moengele a raya Maria a re, ngwana yo o tlatswa go Modimo. A ka se nne le rragwe wa motho.

Moengele a raya maria are kgaitsediage Elisabete o tlo nna le ngwana mo di ngwageng tsa ge tsa bogolo. Se e ene e le kgakgamalo, morago ga seo, Maria a etela Elisabete. Ba galaletsa Modimo mmogo.

Maria o ne beelelwa ke Josefa. Josefa ga a itumela fa a lemoga gore maria o ne solofetse ngwana. O ne a nagana gore banna ba bangwe ke bona bo rragwe ngwana.

Mo torong, moengele wa Modimo a raya Josefa gore ngwana ke wa Modimo. Josefa o ne a tshwanetse go thusa Maria go tlhokomela Jesu.

Josefa a tshepa ebile a obamela Modimo. A obamela melao ya lefatshe la gagwe. Ka ntlha ya melao e mentsha, Josefa le Maria ba ile batswa baya kwa Bethleheme.

E ne e le nako ya Maria gore a belege ngwana. Josefa o ne a se na felo e Maria a ka belegelang ngwana teng. Di phapusi tsotlhe dine di tletse.

Morago ga seo Josefa o ne bona felo e e siameng. Teng mo felong eo, Jesu a belegwa. Mmagwe o ne a mo baya mo felong e e nang le dijo tsa diphologolo.

Gaofinyana, badisa ba tlhokometse dinku tse di robetseng, moengele wa Modimo a tlhagelela a naya di kgang tse di monate. Gompieno lo tsaletswe Mogolodi mo motseng wa ga Dafita, yo e leng Keresete Morena. Lo tla fitlhela lesea le phuthilwe ka masela, le letse mo segopong sa dipitse.

Ka tshoganyetso bontsi jwa masomo a legodimo jwa nna le moengele, jwa baka Modimo jwa re; tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimong le kagiso mo lefatsheng mo bathong ba o ba itumelelang.

Badisa batabogela kwa felong. Morago ga go bona ngwana ba raya mongwe le mongwe ka se baengele ba ne ba se bua ka ga Jesu.

Morago ga malatsi a le 40, Josefa le Maria ba isa Jesu kwa kerekeng kwa jerusalema. Ne go na le monna yo bitswang Simon, a galaletsa Morena thata, mme Anna ena a baka morena. Jesu ke ngwana wa Modimo, Mogolodi o tshepisetsweng. Josefa a dira setlhabelo ka dinonyane tse pedi, se e ne e le setlhabelo sa Modimo a ne a se batla go tswa mo bahumaneging ga ba nna le masea.

E rile Jesu a sena go tsalelwa kwa Betleheme ya Juta mo malatsing a kgosi Herote, batlhalefi bangwe ba tswa kwa botlhabatsatsi, ba fitlha mo Jerusalema ba re: Kgosi ya Bajuta e etsetsweng e fa kae? Gonne re bonye naledi ya yona, re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela.

Ya re Kgosi Heroti a utlwa, a tshoga le botlhe ba Jerusalema nae. A bakopa gore, fa ba mo bona, ba mo tsibise gore le ena a mo obamele. O ne a batla fela gore a molaye.

Naledi ya isa batlhalefi kwa felong eo. Maria le Josefa ba ne banna teng le lesea. Ba mo obamela, ba mo naya dimpho tsa gauta le dinkgamonate.

Modimo a raya batlhalefi gore ba seke ba bua sepe. Heroti a galefa thata. Ga a ipuleltse go senya Jesu, kgosi yo o bosula a balaya masea otlhe mo Btlehema.

Heroti ga nka a o utlwisa ngwana wa Modimo botlhogo! Fa Modimo o ne a ba boleletse mo torong gore batlhokomele ngwana jaang.

E rile fa Heroti a sena go swa Josefa a tlisa Maria le Jesu go tswa kwa Egepito.

Bo Khutlo

Day 3Day 5

About this Plan

Baebele Ya Bana

Dilo tseno tsotlhe di simologile jang? Re tswa kae? Ke ka ntlha yang fa go na le mathata a mantsi jaana mo lefatsheng? A go na le tsholofelo? A go Na le Botshelo Morago ga Loso? Fa o ntse o bala hisitori ya boammaaruri ya lefatshe.

More