YouVersion Logo
Search Icon

Baebele Ya BanaSample

Baebele Ya Bana

DAY 2 OF 7

Modimo o dirile dilo tsotlhe! Fa Modimo a dira motho wa ntlha, Atame, o phetse mo tshimong ya etene le mosadi wa gagwe, Eve. Ba ne ba itumetse thata abe a obamela Modimo. Letsatsi le lengwe ...

Noga ya botsa mosadi ya re, Aruri Modimo o buile wa re, Lo se ka lwa ja ditlhare dipe tsa tshimo? Kefa mosadi araba noga a re Go tilwe, re je maungo a ditlhare tsa tshimo. Fela Modimo o buile ka ga maungo a setlhare se se fagare ga tshimo wa re; Lo se ka lwa ja le e seng go a ama, e se re gongwe lwa swa. Mme noga ya raya mosadi ya re: Nnyaya, ga lo kitla lo swa. Lo tshwana le Modimo Eve o ne a batla leungo lwa setlhare. a utlwela noga a ja leungo.

Mosadi a tlhoka go utlwelela Modimo, a naya le monna wa gagwe yo o neng a a nna nae, mme le ene a ja. Monna ene o ne a tshwanetse go gana.

Monna le mosadi baleofa, ba lemoga gore ga ba a tswala; ba rokaganya matlhare a mofeie, ba itirela ditswalo. Ba iphitlhela Modimo.

Jaanong ya re ba utlwa mokgwasa wa Modimo o sepela mo tshimong go le phefo ya mantsiboa, o ne a itsi gore monna le mosadi ba dirile eng, mme ba supana ka menwana. Modimo a rogakana noga, mosadi ene a mo raya gore o tla belega bana botlhoko. Atame ka gore o leofile, masimo a hutsitswe ka ntlha ya gago. A tla go tlhogela mitlwa le ngwang; o tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago.

Modimo a ntsha Atame le Efa mo tshimong ya Etene ka gore baleofile, ba kgaogana le Modimo!

Modimo a dira tshaka ya molelo go ba ntshetsa kwa ntle. Modimo a ba direla di aparo. Modimo o tsere matlalo kae?

Atame o ne a itsi Efa, mosadi wa gagwe; ke fa a nna moimana, a belega ngwana wa ntlha e le Kaine e leng molemi. Ngwana wa bobedi, Abele e leng modisa. Tsatsi lengwe Kaine a tlisetsa Modimo merogo jaaka mpho. Abele a tlisetsa Modimo nku e e nonofileng jaaka mpho. Modimo a itumelela mpho ya ga Abele.

Modimo ga a ka a itumelela mpho ya ka Kaine. Kaine a galefa thata. Modimo a re ga o sa dire se se siameng, ga o kitla o amogelwa.

Bogale jwa Kain ba gola thata, nako e engwe mo tshimong, Kain a bolaya Abele.

Modimo a bua le Kaine. O kae Abele monnawe? Ga ke itse, a fetola maka Kaine. Ga ke motlhokomedi wa monnawe? Modimo a hutsa Kaine.

Kaine a tswa a tsamaya mo go bogoneng jwa Modimo. A nyala Ngwana wa Atame le Efa. Ba nna le lelapa. Ditlogolwana tsa Kaine dia tlala naga yotlhe.

Mo nakong eo, lelapa lwa Atame le Efa lwa golela ka bonako. Batho ba phela nako e e telele mo lefatsheng go sa tshwane le malatsi ana.

Ga belegwa morwa wa gagwe Sethe, Efa are, Modimo o mphile ngwana yo mongwe boemong jwa Abele. Sethe e ne e le monna yo a ratang Modimo, a phela di ngwaga di le 912. A nna le bana ba bangwe.

Mo lefatsheng, batho ba tlala ebile ba tlala ka go dira bosula. Modimo a akanya go senya lefatshe lotlhe diphologolo tsotlhe le dinonyane. Modimo a ikotlaya gore, goreng a dirile motho. Monna a le mongwe a kgatlha Modimo ...

Monna o na, e ne e le Noa. Wa losika lwa ga Sethe, Noa e ne e le monna yo o siameng, a se na molato. A tsamaya le modimo. O ne a ruta barwa ba gwe ba le bararo go obamela Modimo. Modimo a akanya go dirisa Noa ka tsela e e makatsang!

Bo Khutlo

Day 1Day 3

About this Plan

Baebele Ya Bana

Dilo tseno tsotlhe di simologile jang? Re tswa kae? Ke ka ntlha yang fa go na le mathata a mantsi jaana mo lefatsheng? A go na le tsholofelo? A go Na le Botshelo Morago ga Loso? Fa o ntse o bala hisitori ya boammaaruri ya lefatshe.

More