Ya re ba sa ntse ba leletse kwa legodimong a ntse a tlhatloga, ga ema banna ba le babedi fa go bone, ba apere diaparo tse ditshweu, ba re: “Lona banna ba Galelea, lo emetseng lo leletse kwa legodimong? Jesu yole yo o tsholeleditsweng kwa legodimong, a tswa mo go lona, o tla boa a tla fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong.”