Genese 23

23
KHAOLO 23.
1MI nyaga tsa botselo yoa ga Sarahe tsa bo li le hundereda le tuente-seven: tse ki cona linyaga tsa botselo yoa ga Sarahe.
2Mi Sarahe a shuela kua Kiriata-araba, o e leñ Heberona, mo hatsiñ ya Kanana: me Aberahame a tla go hutsahalela Sarahe le go mo lelela.
3Mi Aberahame a nanoga ha pele ga moshui oa gague, mi a bua le bomoroa Hete, a re,
4Ki moeñ le motlori ha go lona: ’nnaeañ helo ga phitlo ha go lona, ki hitle moshui oa me, go tloga mo maitloñ a me.
5Mi bana ba ga Hete ba araba Aberahame, ba mo raea,
6Morena oa me, u re utlue, u khosana e e segañka mo go rona; hitla moshui oa gago mo phupuñ tsa rona tse ri itseñkecoeñ: ga go ope oa rona eo o tla gu ganañ phupu ea gague gore u si hitle moshui oa gago.
7Ereha gona Aberahame o nanogañ, a ikobela bathu ba lehatsi ye, eboñ bana ba ga Hete.
8Mi a bua le bona, a re, Ha e le go rata ga lona, gore ki hitle moshui oa me go tloga mo maitloñ a me, ’nkutluañ, mi ’nthapelelañ Eferone moroa Tsohare,
9Gore a ’nnee moñobo oa Makepela, o o nañ nao, o o ha sekhutloñ sa leöta ya gague; a o ’nnee ka mare a a cuanetseñ go na helo ga phitlo go ’na mo go lona.
10Mi Eferone a nna mo baneñ ga ba Hete; mi Eferone Mohita a araba Aberahame mo tsebeñ tsa bana ba ga Hete, eboñ tsa botle ba ba tsenañ ka khoro ea motse oa gague, a re,
11Nya, morena oa me, ’nkutlua: leöta kia le gu naea, le moñobo o o leñ mo go yeona kia o gu naea: kia o gu naea ha pele ga bomoroa bathu ba me: u hitle moshui oa gago.
12Mi Aberahame a ikoba ha pele ga bathu ba lehatsi ye.
13Mi a bua le Eferone mo tsebeñ tsa bathu ba lehatsi ye, a re, Mi ha u o ’nnaea, a ko u ’nkutlue, ki tla gu nela mari ka leota, u a cule go ’na, mi ki tla hitla moshui oa me gona.
14Mi Eferone a araba Aberahame, a mo raea,
15Morena oa me, ’nkutlua: leöta le cuanetse lishekela tsa selevera li for hundereda: eñ se gare ga me le uena? ki gona hitla moshui oa gago.
16Mi Aberahame a utlua Eferone; mi Aberahame a lekanyetsa Eferone selevera se o la bua ga shona mo tsebeñ tsa bana ba ga Hete, eboñ lishekela tsa selevera li for hundereda tse ri kaegañ mo barekiñ.
17Mi leöta ya ga Eferone ye le mo Makepela, eo o leñ ha pele ga Mamera, leöta le moñobo o o leñ mo go yeona, le litlare cotle tse li leñ mo leoteñ, tse ri mo meleloaneñ eintleñ cotle, ya tlomamiserioa
18Aberahame go na boshua, ha pele ga bana ba ga Hete, le ha pele ga botle ba ba tsenañ khoroñ ea motse oa gague.
19¶ Mi morago ga mouo Aberahame a hitla Sarahe mosari oa gague mo moñoboñ oa leöta ya Makepela ha pele ga Mamera: gona, ki Heberona, mo hatsiñ ya Kanana.
20Mi leöta le moñobo o o mo go yeona, ya tlomamiserioa Aberahame, ki bomoroa Hete go na helo ga phitlo.

હાલમાં પસંદ કરેલ:

Genese 23: TSN1890

Highlight

શેર કરો

નકલ કરો

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in