Genese 21

21
KHAOLO 21.
1MI Yehova a lekola Sarahe yaka a la a bua, mi Yehova a rihela Sarahe yaka a la a bua.
2Gone Sarahe a ithuala, a tsala le Aberahame mosimane mo bocoheñ yoa gague, mo motleñ o o laocoeñ, o Morimo o lo oa bua nae ga ona.
3Mi Aberahame a sha leina ya ga moroaue eo o la a mona, Yitsake, eo Sarahe o mo tsetseñ nae.
4Mi Aberahame a guerisa Yitsake moroaue, a le malatsi a eit, yaka Morimo o lo oa mo laola.
5Mi Aberahame a bona cohalo ea nyaga li uan hundereda, ka a bona Yitsake moroaue.
6¶ Mi Sarahe, a re, Morimo o ’ntsegisitse, mi botle ba ba utluañ, ba tla tsega le ’na.
7Mi a re, E mañ eo o la a ka raea Aberahame, Sarahe o tla amusa bana? ka ki tsetse nae mosimane mo cohaloñ ea gague.
8Mi ñuana a tutuga, mi a khui-sioa: mi Aberahame a riha moletlo o mogolu, tsatsiñ ye Yitsake o khuisioañ ka yeona.
9¶ Mi Sarahe a bona moroa Hagare, oa Moegepeto, eo o la a mo tsetse le Aberahame, a shotla:
10Mi a raea Aberahame, Lelekela lelata ye, le moroaue kua eintle: gone moroa lelata ye ga a kitla a ruioa le Yitsake, moroāke.
11Mi lehuku ye, le ya shulahalela Aberahame thata kaga moraoaue.
12Mi Morimo oa raea Aberahame, U si shulahaleloe ka eintla ea mosimane, le ka lelata ya gago: retsa koru ea ga Sarahe mo go cotle tse o li buileñ nau; gone losika loa gago lo tla birioa ka Yitsake.
13Mi le gona ki tla riha morahe ka moroa lelata, ka e le losika loa gago.
14Mi Aberahame a phakela, a tsaea mohago, le eñkhoana ea metse, a li naea Hagare, a li baea mo ruriñ ya gague: mi a mo naea ñuana, a mo leleka: mi a tsamaea, mi a timela bogareñganaga yoa Bere‐sheba.
15¶ Mi metse a hela mo eñkhoa-neñ, mi a tlogela ñuana tlatse ga señue sa litlatsana.
16Mi a ea a iturisa go lebagana nae sebaka se kana ka phulo ea bora: gone a re, A ki si bone loshu loa ñuana. Mi a lula go lebagana nae, mi a culetsa koru ea gague, a lela.
17Mi Morimo oa utlua koru ea mosimane; mi moenegeli oa Morimo a biletsa go Hagare a le mo legorimoñ, mi a mo raea, Hagare, go rileñ? u si boihe; gone Morimo o utluile koru ea mosimane ha o gona.
18Nanoga, u kakatlolole mosimane u mo tsegeletse mo mabogoñ a gago; gone ki tla mo riha morahe o mogolu.
19Mi Morimo oa burulola maitlo a gague, mi a bona seriba sa metse; mi a ea a tlatsa eñkhoana ka metse, a nosa mosimane.
20Mi Morimo oa na le mosimane; mi a tutuga, a nna bogareñganaga, mi a na mohuri ka bora:
21Mi a nna bogareñganaga yoa Parana, mi mague a mo tsela mosari mo hatsiñ ya Egepeto.
22¶ Mi ga rihala motleñ ouo, Abemeleke le Pikole molaori eo mogolu oa entua, ba bua le Aberahame, ba re, Morimo o na nau mo go cotle tse u li rihañ.
23Ki gona inkanele hanu ka Morimo, ha u si kitla u ’nkakela, khotsa moroāke, khotsa le moroa moroāke; mi ha u tla ’ntihela le lehatsi ye u tlotseñ go yeona kaha peluñnomi e ki e gu rihetseñ.
24Mi Aberahame a re, Ki tla ikana.
25Mi Aberahame a buela Abemeleke kaga seriba sa metse se batlañka ba ga Abemeleke ba le ba se mo tho-pela.
26Mi Abemeleke a re, ga kia ka ka itse eo o rihileñ seo se: le gona ga ua ka ua ’mpulelela; le gona ga kia ka utlua, ki utlua ka yenu.
27Mi Aberahame a tsaea liñku le likhomu a li naea Abemeleke, mi bo tu yoa bona ba riha kholagano.
28Mi Aberahame a baea likuana li seven tse li namagari ha thoko.
29Mi Abemeleke a raea Aberahame, Likuana tse li namagari tse u li beileñ ha thoko, li kaeañ?
30Mi a re, Cula likuana tse mo atleñ sa me, gore li ’ncupe ha ki epile seriba se.
31Ki gona helo ha go birioañ Bere‐sheba; ka gone bo tu yoa bona ba ikanetse gona.
32Ba le ba riha kholagano yalo kua Bere‐sheba; ereha gona Abemeleke o nanogañ, le Pikole eo mogolu oa gague oa entua, mi ba boela hatsiñ ya Bafileseta.
33¶ Mi Aberahame a tloma sekhuana kua Bere‐sheba, mi a biletsa go leina ya ga Yehova, Morimo o o sa khutleñ.
34Mi Aberahame a tlolatlola mo hatsiñ ya Bafileseta malatsi a le mantsi.

હાલમાં પસંદ કરેલ:

Genese 21: TSN1890

Highlight

શેર કરો

નકલ કરો

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in