Genese 13

13
KHAOLO 13.
1MI Aberame a huruga mo Egepeto a ea kua Souta, ena, le mosari oa gague, le cotle tse o nañ naco, a na le Lote.
2Mi Aberame o la a humile likhomu, le selevera, le gouda segolu.
3Mi a tsamaea mo khurugoñ tsa gague, a coa kua Souta a ea kua Bete‐ela, kua heloñ ha tenta ea gague e le le gona mo tsimologoñ, ha gare ga Bete‐ela le Hae;
4Kua heloñ ga aletara, e o la e riha gona pele; mi hoñ Aberame a bitsa leina ya ga Yehova gona.
5Mi Lote le ena, eo o la a ea le Aberame, a bo a na le liñku, le likhomu, le litenta.
6Mi lehatsi le sa ba lekana, gore ba nne mogo: gone lithoto tsa bona li le li kholu ga tsamaea ba reteleloa ki go nna mogo.
7¶ Mi ga na khañ gare ga barisi likhomu co Aberame, le barisi likhomu co Lote; mi Bakanana le Baperesa le bona, bo ba nntse mo hatsiñ yeuo.
8Mi Aberame a raea Lote, Kia gu rapela a go si ne khañ gare ga me le uena, le gare ga barisi ba me, le barisi ba gago, gone re bana ba monona;
9A lehatsi yeotle ga le ha pele ga gago? kia gu rapela, ikhaoganye le ’na: etlare ha u ea go sa molema, ’na ki tla ea go se se siameñ; khotsa ha u ea atleñ se se siameñ, ’na ki tla ea go sa molema.
10¶ Mi Lote a culetsa maitlo a gague, mi a leba motlaba otle oa Yoredane o nosicoe eintleñ cotle, pele Yehova a e si a senye Sodoma le Gomora, oa bo o cuana le tsimo ea ga Yehova, yaka lehatsi ya Egepeto, ka u tla mo Tsoara.
11Yalo Lote a ipalela motlaba otle oa Yoredane; mi Lote a hurugela kua Iseta: mi ba khaogana moñue go eo moñue.
12Aberame a nna mo hatsiñ ya Kanana, mi Lote a nna mo metseñ ea motlaba, mi a tlomela tenta ea gague eintleñ ea Sodoma.
13Mi banona ba Sodoma bo ba le baikepi, le baleohi ba bagolu ha pele ga Yehova.
14¶ Mi Yehova a raea Aberame, Lote a sina khaogana nae, Culetsa maitlo a gago, mi leba, u le ha u gona, kua Noreta, le kua Souta, le kua Iseta, le kua Ueseta:
15Gone lehatsi yeotle ye u le bonañ, ki tla le gu naea le losika loa gago ka bosakhutleñ.
16Mi ki tla riha losika loa gago go na yaka lorole loa lehatsi: ha moñue a ka tsamaea a bala lorole loa lehatsi, losika loa gago le lona lo ka baloa.
17Nanoga, sepelela mo hatsiñ ye, bolele yoa yeona le boatlamo yoa yeona; gone ki tla le gu naea.
18Mi Aberame a katosetsa tenta ea gague, mi a tla a nna tlareñ sa moterebenta sa Mamera, se se mo Heberona, mi a agela Yehova aletara gona.

હાલમાં પસંદ કરેલ:

Genese 13: TSN1890

Highlight

શેર કરો

નકલ કરો

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in