Yohane 1
1
KHAOLO 1.
1LEHUKU le le le mo tsimologoñ, mi Lehuku le le na le Morimo, mi Lehuku e le le Morimo.
2Ye, le le na le Morimo mo tsimologoñ.
3Lilo cotle li tsa rihoa ka yeona, mi ga goa rihoa sepe sa tse li rihiloeñ, ha e si ka yeona.
4Botselo bo le bo le mo go yeona; mi botselo e le le leseri ya bathu.
5Mi leseri ya phatsima mo hihiñ; mi lehihi le si ka ya le cula.
6¶ Gabo gole monona eo o birioañ Yohane, a romiloe ki Morimo.
7Monona eo, o la a tla go na moshupi, go shupa ga leseri, gore botle ba rumele ka ena.
8Ena o la a si leseri ye, mi o la a roñoa go shupa ga leseri.
9Leseri ya amarure, e le le ye, ye le tlañ mo lehatsiñ, le bonesa mothu moñue le moñue.
10O la a le mo lehatsiñ, mi lehatse le le rihiloe ki ena, mi lehatse ga lea ka ya mo itse.
11O la a tla go ba gague, mi ba gague ba si ka ba mo cula.
12Mi botle ba ba le ba mo cula, a ba naea thata go na bana ba Morimo, eboñ go ba ba rumelañ mo ineñ ya gague;
13Ba ba le ba sa tsaloe ka mari, le esiñ ka thato ea nama, le esiñ ka thato ea mothu, mi e le le ka thato ea Morimo.
14Mi Lehuku ya rihoa nama, mi ya aga mo go rona, (mi re le ra bona khalalelo ea gague; khalalelo e e cuanañ yaka ea eo o tsecoeñ esi oa Rra,) a tletse tsegohaco le boamarure.
15¶ Yohane oa shupa ga gague, mi a bitsa, a re, Eo ki ena eo ki le ka bua ga gague, ka re, Eo o tlañ morago ga me, o rihegile mogolu go ’na, gone o la a leo ki e si ki ne;
16Mi rotle re bonye tsegohaco le tsegohaco mo botlaloñ yoa gague.
17Gone molao o lo oa neoa ka Moshe, mi tsegohaco le boamarure yoa tla ka Yesu Keresete.
18Ga go ope eo o kileñ a bona Morimo ka motla ope; Moroa eo o tsecoeñ a le esi, eo o mo sehubeñ sa Rra, ki ena eo o o buletseñ.
19¶ Mi e ki eona cupo ea ga Yohane. Erile ka Bayuda ba roma baperiseti le Baleva, ba coa Yerusalema, gore ba motse, U mañ?
20Mi a ipobola, mi a si ka a itatola, mi a ipobola, a re, Ga ki Keresete.
21Mi ba motsa ba re, Ana u mañ? A u Eliyahue? Mi a re, Ga ki ena. A ki uena moperofeti eo? Mi a araba, Nya.
22Eriha gona ba mo raeañ, U mañ? gore re arabe bona ba ba re romileñ. Ua reñ ga gago?
23A re, Ki na koru ea moñue, e e bitsañ mo gareñganaga, Siamisañ tsela ea ga Yehova, yaka Yesaye moperofeti a kile a bua.
24Mi ba ba le ba romiloe e le le ba Bafarisai.
25Mi ba motsa, ba mo raea, U bapetiseletsañ ha u si Keresete, le esiñ Eliyahue, le esiñ moperofeti eo?
26Yohane a ba araba, a re, Kia bapetisa ka metse; mi moñue o eme ha gare ga lona eo lo sa mo itseñ;
27Eouo, ki ena eo o tlañ morago ga me, eo o rihegileñ mogolu go ’na, eo, ki sa cuanelañ khole ea tlaku sa gague go e hunulola.
28Lilo tse tsa rihala mo Betania kua moseya ga Yoridane, kua Yohane o la a bapetisa gona.
29¶ Motla o moñue, Yohane a bona Yesu a tla go ena, mi a re, Bonañ Kuana ea Morimo, e e tlosañ boleo yoa lehatse!
30Eo ki ena eo ki le ka bua ga gague, ka re, Monona oe tla morago ga me eo o rihegileñ mogolu go ’na, gone a la a leo ki e si ki ne.
31Mi ga kia ka ka mo itse; ki gona ki tlileñ go bapetisa ka metse, gore a bonarioe go Yeserela.
32Mi Yohane a shupa, a re, Ki le ka bona Moea o hologa mo legorimoñ yaka lephui, mi oa na go ena.
33Mi ga kia ka ka mo itse; mi ena eo o ’nthomileñ go bapetisa ka metse, eo o la a ’nthaea, Ena eo, u tla bonañ Moea o hologela go ena, o na go ena, eouo ki ena eo o bapetisañ ka Moea oa Boitsepho.
34Mi ki le ka bona, mi ka shupa ha eo, e le Moroa Morimo.
35¶ Mi ka motla o moñue, Yohane a ba a ema le barutoa ba tu ba gague.
36Mi a bona Yesu ka a tsamaea, mi a re, Bonañ Kuana ea Morimo!
37Mi barutoa ba tu ba mo utlua a bua mouo, mi ba sala Yesu morago.
38Mi ka Yesu a retologa, a ba bona ba sala morago, a ba raea, Lo batlañ? Mi ba mo raea, Rabi, (ki go re mo phetoleloñ, Moruti) u agile kae?
39A ba raea, Tlañ lo bone. Ba tla ba bona ha o agileñ gona; mi ba tlola nae tsatsi yeuo. Mi e kane e le le oura oa bo‐ten.
40Anderea monna Simone Petero e le le moñue oa ba tu, ba ba le ba utluile go Yohane, a mo sala morago.
41Eo, a bona Simone monnaue pele, mi a mo raea, Re bonye Mesia (ki go re, Keresete, mo phetoleloñ).
42Mi a mo isa go Yesu. Mi ka Yesu a mo leba, a re, U Simone moroa Yone, u tla birioa Kefe, (ki go re, Petero, mo phetoleloñ).
43¶ Mi ka tsatsi ye leñue Yesu a rata go ea kua Galilea, mi a bona Filipo, mi a mo raea, ’Ntsala morago.
44Mi yana Filipo a ba a le oa Betesaida, oa motse oa ga Anderea le Petero.
45Filipo a bona Natanaele, mi a mo raea. Re bonye eo Moshe o la a kuala ga gague mo molaoñ, le bona baperofeti, eboñ Yesu, moroa Yosefe, oa Nasareta.
46Mi Natanaele a mo raea, A señue se se molemo, se ka coa mo Nasareta? Filipo a mo raea, Tla u bone.
47Yesu a bona Natanaele a tla go ena, mi a bua ga gague, Bonañ Moyeserela oa amarure, eo o sinañ tsieco epe!
48Natanaele a mo raea, U ’nkitse ka eñ? Yesu a araba, a mo raea, Ki gu bonye ha tlatse ga tlare sa mofeige, pele Filipo a e si a gu bitse.
49Natanaele a araba a mo raea, Rabi, U Moroa Morimo; u khosi ea Yeserela.
50Yesu a araba a mo raea, A ua rumela gone ki gu buleletse, ka re, Ki gu bonye ha tlatse ga tlare sa mofeige? u tla bona lilo tse ri kholu bogolu go tse.
51Mi a mo raea, Amarure, amarure, kia loa raea, Ga yana lo tla bona legorimo le bulega, le baengele ba Morimo ba tlatloga ba hologela go Moroa mothu.
اکنون انتخاب شده:
Yohane 1: TSN1890
هایلایت
به اشتراک گذاشتن
کپی

می خواهید نکات برجسته خود را در همه دستگاه های خود ذخیره کنید؟ برای ورودثبت نام کنید یا اگر ثبت نام کرده اید وارد شوید
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society