YouVersion Logo
Search Icon

JOELE 3

3
Modimo o tlaa atlhola ditšhaba
1“Gonne, bonang,
e tlaa re mo metlheng eo,
le mo lobakeng loo,
mogang ke busang
botshwaro jwa Juta le Jerusalema,
2ke tlaa phutha merafe yotlhe,
ke tlaa e folosetsa
mo molapong wa ga Jehošafate;
ke tlaa ganetsanya nabo gone
ka ga batho ba me,
le ka ga boswa jwa me Baiseraele,
ba ba ba faladitseng mo merafeng,
mme ba kgaogana lefatshe la me.
3Ba bile ba theletse batho ba me bola;
ba ananya seaka ka mosimane,
ba reka bojalwa jwa mofine ka
ngwana wa mosetsana,
gore ba nwe.
4 “Ee, lo a bo lo le eng mo go nna, lona Ture le Sitone, le mafatshe otlhe a Filisitia? A lo tlaa nnaya tuelo? Fa lo mme ntuela ke tlaa busetsa tuelo ya lona ka bofefo le ka bonako mo tlhogong ya lona. 5E re ka lo tshotse selefera sa me le gouta ya me, mme lo isitse dilo tsa me tse dintle, tse di eletsegang, mo ditempeleng tsa lona; 6le bana ba Juta, le ba Jerusalema lo ba rekisitse mo go bomorwa Bagerika, gore lo ba tlosetse kgakala le molelwane wa bone; 7bonang, ke tlaa ba tsosa ba le kwa lo ba rekiseditseng gone, ke tlaa busetsa tuelo ya lona mo ditlhogong tsa lona: 8Ke tlaa rekisa bana ba lona ba basimane le ba basetsana mo seatleng sa bana ba Juta, mme ba tla ba rekisa mo bathong ba Sheba, mo morafeng o o kwa kgakala; gonne Jehofa o buile.”
9Bolelang selo se mo merafeng;
lo baakanyeng ntwa,
tsosang diganka,
a batlhabani botlhe ba atamele,
ba tlhatloge.
10 Thulang megoma ya lona ditšhaka,
le dithipa tsa lona tsa mabele
marumo;
a yo o bokoa, a re: “Ke thata.”
11Itlhaganeleng,
tlang lona merafe yotlhe
mo tikologong, phuthegang;
Jehofa,
folosetsa diganka tsa gago teng.
12A merafe e itsose, e tle
kwa molapong wa ga Jehošafate;
gonne ke tlaa dula teng
ke atlhola merafe yotlhe
mo tikologong.
13 Tsenyang thipa ya mabele,
gonne mabele a budule.
Tlang, lo gate;
gonne kgatisetso ya bojalwa jwa
mofine e tletse;
didibeletso di a penologa;
gonne boikepo jwa bone
bo bogolo.
14A bontsintsi, bontsintsi jwa batho
mo molapong wa katlholelo!
Gonne motlha wa ga Jehofa
o atametse
mo molapong wa katlholelo.
15Letsatsi le fifetse,
le kgwedi, le dinaledi
di gonyetse go phatsima
ga tsone.
Modimo o tlaa segofatsa batho ba one
16 Mme Jehofa o tlaa kgaratla
a le mo Sione,
o tlaa ntsha lentswe
a le mo Jerusalema,
magodimo a tlaa tlakasela
le lefatshe.
Mme Jehofa o tlaa nna botshabelo
jwa batho ba gagwe,
le kago e e thata ya phemelo
mo baneng ba Iseraele.
17“Jalo lo tlaa itse
fa ke le Jehofa Modimo wa lona;
ke agile mo Sione,
thaba ya me e e boitshepo.
Foo Jerusalema o tlaa nna
boitshepo, mme ga o ketla
o tlhola o ralalwa ke baeng.
18“Go tlaa dirala mo motlheng oo,
go re dithaba di tlaa rotha
bojalwa jwa mofine jo bo monate,
makhubu a tlaa elela maši,
melatswana yotlhe ya Juta
e tlaa elela metsi;
le motswedi o tlaa tswa mo ntlong
ya ga Jehofa,
o nosa mokgatšha wa Shitime.
19Egepeto o tlaa nna tshwafalo,
le Etome o tlaa nna naga fela
e e swafetseng,
ka ntlha ya tshenyo
e e diretsweng bana ba Juta,
ka ba tsholotse madi
a a se nang molato
mo lefatsheng la bone.
20Juta o tlaa nna ka bosakhutleng,
le Jerusalema
go ya mo tshikatshikeng.
21Mme ke tlaa tlhapisa madi a bone
a ke iseng ke a tlhapise;”
gonne Jehofa o agile mo Sione.

Currently Selected:

JOELE 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy